Kgosi thotobolo e olela matlakala
31 Jul 2016
Kgosi Pule Bareki wa Batlharo go tswa Afrika Borwa a re bogosi bo tshwanelwa ke go tlotlwa ka dinako tsotlhe.
Kgosi Bareki o buile se ka Labotlhano ka peo semmuso ya ga Kgosi Phllip Lorekang wa Maubelo kwa kgaolong ya Kgalagadi.
Kgsi Bareki o ne a gakolola Kgosi Lorekang go dira sentle le morafe wa gagwe ka go nna pelotelele, tirisano mmogo, tshwaragano , erato le gone go tshwara morafe wa gagwe ka tekatekano.
A re kgosi e tshwanetse go rerisana le morafe wa gagwe ka tse di amang matshelo a bone, botlhoki jwa bone ka seo e le sone se se ka mo kgontshang gore tiro ya gagwe e tsamae ka thelelo.
Kgosi Bareki o ne a gatelela thata gore Kgosi Lorekang a itsetsepele ka lefoko la Modimo, go o ikanya, le go o tshepa ka dinako tsotlhe a kaya fa e le one tsela le boammaaruri mo go mo kaeleng tsela le go mo sireletsa gore a tle a kgone go etelela pele morafe wa gagwe le go dira tiro ya gagwe ka matsetseleko.
A re “kgosi thotobolo e olela matlakala” ka jalo Kgosi Lorekang o tshwanelwa ke go nna a ipaakanyeditse go reetsa dikgang tsa dilelo le dingongorego tsa morafe wa gagwe le go tswa ka tharabololo ya tsone e le moeteledipele yo o tshephafalang.
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre France Van Der Westruihezen fa a ntsha la gagwe o ne a supa fa lefatshe leno le tseela thata bogosi kwa godimo ka e le tsone dipilara mo tsamaisong le ditlhabololo mo lefatsheng leno.
O ne a galaletsa thata Kgosi Setlhare Lorekang ka tiro e ntle e a e dirileng ya go neela morwaawe setilo a sa ntse a le mo botshelong, a kaya fa dikgang tsa go lwela bogosi di atile thata mo lefatsheng leno fa go sena neelano e a e dirileng.
Rre Van Der Westruhuizen yo e bileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa o boletse fa bogosi le sepolotiki di sa tsamaelane ka di ka felela di tlisa pharologanyo le dikgaogano mo merafeng.
O ne a gakolola thata mohumagadi wa ga Kgosi Lorekang go nna gaufi le ene ka go mo ema nokeng le go mo fa dikgakololo tse di maleba ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo go mo tlhofofaletseng tiro.
Fa a neela morwaawe setilo sa bogosi semmuso, Kgosi Setlhare Lorekang wa Maubelo o ne a tlhalosa fa a ne a rerisana le morafe wa gagwe fa a tlogela tiro ka bogodi le bokoa morago ga go o etelela pele dingwaga tse di masome a mararo.
Kgosi Lorekang o ne a gakolola thata morwawe go tlhoka go ikgogomosa mme a sale motlhala wa gagwe morago ka go dirisana sentle le morafe ka tlotlo e e kwa godimo go tlhoka go tlhaola morafe le gone go bereka le ba puso sentle ka seo se ka thusa thata mo go tlhabololeng motse wa gagwe.
Fa a amogela bogosi, Kgosi Phllip Lorekang o boletse fa a agetse mosako mafoko a dibui tsotlhe tse di mo gakolotseng mme a ba solofetsa gore o tlaa sala morago tse di molemo go na le bosula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MAUBELO
Event : Peo semmuso ya Kgosi
Date : 31 Jul 2016






