CTO e kokoanya madi go aga ntlo
31 Jul 2016
Badiri ba lephata la dipalamo tsa puso (CTO) ba kgaolo ya Legare ba ne ba phuthaganetse kwa Nata go itshidila mmele, go phepafatsa tikologo ya motse oo le go rekisa dijo le dinotsididi go kokoanya madi a go tsweledisa kago ya ntlo.
Mogolwane mo lephateng la CTO kwa Francistown, Rre Chairman Basupi, a re ba kokoanya madi a go feleletsa kago ya ntlo e ba e agelang mo-na-le-bogole kwa Butale mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Rre Basupi a re bokopano joo bo ba kopanya e le badiri ba CTO go nna seopo sengwe gore ba kgone go bereka ka mowa o le mongwe ba le setlhopha go diragatsa tema e ba e itshegetseng ya go agela mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong ntlo e a ka bayang tlhogo mo go yone.
O boletse fa tiro ya ntlo eo e simolotswe e bile e ruletswe go saletse gore ka madi a ba tla a kokoanyang ba gokele motlakase le metsi mme ba solofetse fa ba tlaa e aba ka kgwedi ya Phalane monongwaga.
Rre Basupi o tlhalositse gore tiro e tona e ba neng ba e dira ya go phepafatsa tikologo e ne e le go lebogela batho ba Nata kamogelo le kemo nokeng e ba e supang ka go ba rotloetsa le ka go ba rekela tse ba di rekisang go kokoanya madi.
O tlhalositse fa e le lekgetho la bobedi ba tshwara tiro ya mofuta oo mo motseng oo, mme maduo a ba a boneng e ne e le a a nametsang thata ke gone ka moo ba boileng gape.
A re ka jalo ba bone go tshwanela go leboga seo ka go phepafatsa motse ka ba dumela fa mabogo dinku a thebana.
A re go aga ntlo eo ba ne ba araba boikuelo jwa ga Tautona jwa gore ba ba kgonang ba thuse ba ba dikobo dikhutshwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : NATA
Event : Puisano
Date : 31 Jul 2016






