Breaking News

Abelang ba ba tlhokang

31 Jul 2016

Badiri ba lephata la dikago le boranyane kwa Francistown ba agetse modiri ka bone wa pele, Rre George Kholisani ntlo ya dikamore tse pedi kwa Makuta.

Mookamedi mogolo wa lephata la dikago le boranyane, Rre Mosimolodi Lefoko a re Rre Kholisani o ne a bereka mo lephateng leo a le ka fa tlase ga lephata la motlakase pele ga maphata ao a kopana go nna lephata le lengwe la dikago le boranyane.

Rre Lefoko o boletse fa Rre Kholisani a ne a tlogela tiro ka ntlha ya bokoa mme badiri ba lephata leo kwa a neng a berekela teng kwa Francistown ba ne ba re morago ga go tlogela tiro ga gagwe ba mo latedisa go mo lekola mme ba lemoga fa a nna mo bonnong jo bo sa kgoneng go emelana le dipaka tsa ngwaga.

O ne a akgola badiri bao a bolela fa ba na le tebelopele gape ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko le go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 ya setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe.

Rre Lefoko a re badiri bao ba ne ba itlamile ka lerato ba le moono mongwe ka ba ne ba dira tsotlhe le go ntsha madi mo dikgwatlheng tsa bone ba sa gadime kwa morago selo se bontsi bo sa kgoneng go se dira.

A re ka bopelotlhomogi, boineelo le tshwaragano ya bone ba le badiri ba lephata la dikago le boranyane ba ne ba kgona go agela Rre Kholisani yo a nnang le bana ba gagwe ba ba supa ba ba sa berekeng le bana ba bana ba le borobabongwe ntlo eo ya dikamore tse pedi le sephatlo.

O ne a tlhalosa fa badiri bao ba simolotse kago ya ntlo eo ngogola morago ga go mo agela ntlwana ya boitiketso.

Gape o ne a akgola lephata leo, a re ba dira tiro e ntle thata e e lemogiwang ke baeteledipele ba lefatshe leno le mapolotiki tota, ntswa bone e se mapolotiki e le badirelapuso.

O ile a leboga le dikompone tse di ikemetseng tse di neng di ba eme nokeng go diragatsa maikaelelo a bone go bona gore toro ya bone e nna nnete.

Rre Lefoko o ne a kopa Rre Kholisani le ba lelwapa la gagwe go tlhokomela ntlo eo ka e fetotse seemo sa gagwe e bile e mo neetse seriti.

Fa a tswa la gagwe, Rre Kholisani o ne a leboga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go tla ka mananeo a mantle le mogopolo wa gore gopolang ba ba dikobo dikhutshwane.

A re badiri bao ba supile lerato mo go ene ka jalo ba tswelele pele ka lerato leo go aga Botswana.

Rre Kholisani a re o ne a itlhobogile mo botshelong a sa akanye gore ka motlha mongwe o ka nna le ntlo ya mofuta oo, a akgola badirelapuso ba maphata ka go farologana ba ba amogetseng boikuelo jwa ga Tautona.

Mongwe wa badiri bao, Rre Busani Mosweu o ne a bolela fa go ne go se motlhofo go goroga kwa ba gorogileng teng mo nakong ya gompieno mme a re ka lerato le tirisanyo mmogo ba ne ba kgona go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a bone.

Rre Mosweu o ne a bolela fa kago eo e ba lopile dipula tse di dikete tse di masome a supa le bone go e aga mme ba ne gape ba aba dijo le melora e e tlhapang le e e tlhatswang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MAKUTA

Event : Kabo ya ntlo

Date : 31 Jul 2016