Breaking News

Goya o galaletsa komiti

31 Jul 2016

Mothusa tona  mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya, o akgotse komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Bokaa kwa Shoshong go bo e agetse mongwe ka bone ntlo.

Rre Goya o ntshitse kgothatso e kwa moletlong wa go abela lelwapa la ga Mme Lephoi Tshekompe ntlo ya dikamore tse pedi kwa Shoshong bosheng.

O tlhalositse fa komiti e, e file lelwapa leo seriti.

A re komiti eo gape e diragaditse maikaelelo a tebelopele ya lefatshe ya 2016 ya go abelana le go tlhokomela ba bangwe, a tlatsa ka gore ba dirile ditso bogolo jang ka tebelo pele e e ya bokhutlong.

A re peo e e saleng e jwadilwe ya tebelopele ya 2016 ga e a wela fa fatshe.

Rre Goya a re komiti ya ditlhabololo tsa Bokaa e tlaa kwalwa mo dibukeng, go bo e nnile le sebae fela se setona mo setshabeng.

O ne a tlhalosa gape gore lehuma le go nna kobo dikhutshwane e se selo se se eletsegang.

A re lehuma le tla ka ditsela di le dintsi, mme sengwe se se tshwanetseng go tshwenya ba le bantsi ke letlhoko la bonno ka gore le botsogo jwa motho bo felela bo le mo diphatseng.

Ka jalo, Rre Goya o ne a leboga go menagane komiti ya ditlhabololo ee neng e thusiwa ke bagwebi, babereki ba ipelegeng, maphata a puso le setshaba ka kakaretso ba bo ba bone go le botlhokwa go agela boora Tshekompe fa ba ka bayang tlhogo teng.

Rre Goya o ne a kgothatsa dikomiti tse dingwe tsa metse go tsaya malebela mo komiting ya kgotla ya Bokaa.

A re boeteledipele jo bo popota, go tewa gone go tsamaisa morafe mo ditseleng tsa tshiamo, go ba dibela go ba tlotlomatsa le go ba sekegela tsebe.

O ne a leboga gape le botlhe ba ba tsereng karolo, mme a gakolola boora Tshekompe go tlhokomela ntlo e ba e agetsweng e.

E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Emmanuel Thipe o ne a tlhalosa gore e rile fa ba tsaya ka 2014 ba fitlhela komiti e ba neng ba tsaya mo go yone e setse e simolotse tiro ya go agela boora Tshekompe ntlo mme bone ba feta ba e feleletsa.

Rre Thipe a re ka go tlhoka lesego Mme Lephoi Tshekompe a tlhokafala mme ba seka ba ipona tsapa, ba tswelela gore bogolo bana ba gagwe ba seka ba sala mo lebatleng ba tsweledisa tiro e ya bone.

A re ba ne a ba itlama go ntsha mo dipateng tsa bone, ba thusiwa ke babereki ba ipelegeng, boradikgwebo le morafe wa kgaolo ya Shoshong go aga ntlo eo ba bo ba e fetsa.

 Le ene fela jalo o ne a leboga botlhe ba ba tsereng karolo go aga ntlo eo, a re mo go supa lorato, le kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, e bile go fa seriti.

Kgosi Mosinyi Mosinyi wa kgotla ya Bokaa le ene o ne a galaletsa komiti ya ditlhabololo ya kgaolo ya gagwe, a re ba supa fa tota ba beile dikeletso tsa morafe kwa pele.

Kgosi Mosinyi a re e re le ntswa ba kopane le dikgwetlho tse dintsi di akaretsa go tlhoka dipalamo tsa go thotha motlhaba, dithuso le tse dingwe ga ba a ka ba ipona tsapa gore boorra Tshekompe le bone ba ipone ba tsoga mo ntlong motlha mongwe.

A re maikaelelo a komiti ya ditlhabololo tsa motse ga se go tlhabolola motse fela mme ba tshwanetse go baya le matshelo a batho kwa pele, go ba fa seriti le go ba kgothatsa mo go tse di tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 31 Jul 2016