Dikgakolo tsa balemisi di siametse temo
28 Jul 2016
Balemi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba rotloeditswe go tsaya dithuto tse ba di fiwang ke balemisi ka tlhwaafalo gore ba bone thobo e e botoka.
Thotloetso eo e ntshitswe ke molemi wa Selolwane, Mme Bokani Moalosi ka letsatsi la go ipelela thobo ke balemi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ka Laboraro.
Mme Moalosi a re go lema ka ditselana, go tshela menontshane le go ntsha mhero ke dintlha tse di ka neelang molemi maduo a a nametsang.
A re dipaka tsa ngwaga di fetogile ka jalo ga go sa tlhole go tshwana nako ya bogologolo mo go neng go na le dipula tsa medupe ka jalo ba tshwanetse ba diragatsa methale yotlhe e ba e bewang pele ke balemisi le puso.
O ne a kgothatsa balemi bao go nna tsebe ntlha go segela tsebe se puso e se tsisang mabapi le temo ka se puso e se dirang e ya bo e dirile dipatlisiso go bona gore a selo seo se ka nna le maduo ka gape go itebagantswe le diphetogo tsa loapi.
Mme Moalosi a re moono o o reng go amogela maranyane ke bontlha bongwe jwa go bona thobo e e nametsang o tiisa balemi moko gore ba tsamaelane le diphetogo tsa dipaka gore ba kgone go bona maduo a a botoka.
O tsweletse a tlhalosa fa mo ngwageng o o neng o feta wa temo o dipula tsa teng di neng di le boutsana, ene ka go sala ditaelo tsa balemi o kgonne go roba dikgetsi tsa mabele di le makgolo mabedi le lesome, lebelebele dikgetsi di le masome mararo, manoko dikgetsi di le lesome le borobabobedi fa ditloo le dinawa a bone dikgetsi tse thataro ka go latelelana.
A re o na le dingwaga tse tlhano a lema ka kitso e a e amuleng mo balemising e bile ka ngwaga o monamagadi o ne a kgona go roba dikgetsi tse di makgolo matlhano mme ka dipoelo tsa thobo eo o kgonne go reka tshukudu ya temo go tsweledisa temo ya gagwe.
Mme Moalosi o ne a kgothatsa balemi go tswelela ka temo ka e le selo sa sennela ruri e sa fele jaaka ditswammung di tshwana le teemane le yone tiro tota mme o ne a kopa go rotloetsa banana go kgatlhegela temo le go gweba ka yone.
Molemisi wa Magapatona, Rre Gosetsemang Koitheng a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go kopana e le balemi ba kgotla eo go sekaseka gore thobo ya bone e tsamaile jang le go itshekatsheka go tla ka ditharabololo go baakanya fa dilo di sa tsamayang sentle teng go ipaakanyetsa temo e e tlang.
Rre Koitheng a re dipaka di fetogile ka jalo ka bokopano joo ba lekodisana gore tsela pedi ba tsaya efe e e tlaa itepatepanyang le seemo sa nako eo sa komelelo.
O boletse fa thobo e sa ntse e le kwa tlase thata mme balemi ba sa kgone go fitlhelela kwa selekanyong sa go ntsha dijo se lefatshe le se batlang.
Gape o ne a supa fa balemi ba Magapatona ba sa leme dinawa ba lema fela mo go felelang mo tlatlaneng.
A re gape le temo ya nawa ya lablab e sa ntse e le kwa tlase, mme a ba kopa go lema lablab ka dipalo tse di kwa godimo ka le yone peo ya yone e a tlhaela ka lebaka la gore ga e lengwe thata mo kgaolong eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Ipelelo thobo
Date : 28 Jul 2016






