Mapodisi a Maun a lwantsha go bolaya le go ipolaya
27 Jul 2016
Mapodisi a Maun a ikaelela go simolola dithuto tsa setshaba kgatlhanong le dikgang tsa go bolaya le go ipolaya tse di golelang pele mo kgaolong eo.
Dithuto tseo di rulaganyeditswe go tshwarwa ka beke ya bofelo ya Phatwe kwa Maun mme go sa ntse go tlaa bolelwa lefelo le di tlaa tshwarelwang kwa go lone.
E rile a bua mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Peter Gochela a bolela gore ditiragalo tsa go bolaya le go ipolaya di a tshwenya ka jalo ba bona go tshwanela go rulaganya dithuto go lemotsha batho ka fa borukutlhi jwa go nna jalo bo amang batho ka teng.
A re dithuto tseo di tlaa itebaganya le ditiragalo tse pedi tse di begilweng bosheng tse gantsi e leng tsa baratani ba banana ba bolaaneng.
A re faesale ngwaga o simologa go fitlhela gompieno, ba gatisitse dikgang tsa go nna jalo di le tlhano fa mo ngwageng e e fetileng ba ne ba nna le dikgang di le boferabongwe.
A re dipalo tsa mofuta o di tlhokana le gore go tsewe dikgato ka gore go sa ntse go setse dikgwedi dingwe pele ga ngwaga o fela mme e bile go setse go begilwe dikgang di le tlhano.
A tlatsa ka gore selo se se tshwenya fela thata.
Superintendent Gochela a re erile bosheng ba tshwara merapelo kwa maemelong a dipagamo tsa setshaba go supa go tshwenyega ga bone kgatlhanong le koketsego ya dikgang tse di ntseng jalo.?Mapodisi a dirisana le makgotla a a farologaneng jaaka Women Against Rape (WAR), diofisi tsa mapalamente le banaleseabe ba bangwe go tlhomamisa gore dithuto tseo di a atlega.
Mabapi le tsa go itseela dikobo ka dikgoka, Superintendent Gochela, o boletse gore motse wa Maun o bone phokotsego faesale mafelo a itloso bodutu a tswalwa mo Maun.
Motse wa Maun o ntse o na le borukutlhi jo bo hakgamatsang ja dikgang tsa petelelo tse mapodisi le bagolwane ba motse ba reng di dirwa kana di okediwa ke mafelo a itloso bodutu le dikereke tse di tsenang masigo.
Mohuta o wa borukutlhi ga o diragale ka bonosi, mme o tla ka matshosetsi, dikiteo ga mmogo le borukutlhi jo bongwe jo bo setlhogo jaaka polao. Superintendent Gochela o tlhalositse gore kgaolo eo e na le mafelo a mantsi a itloso bodutu, mangwe a one a tswalwang mo maphakeleng a matona mme dibeteledi di dirise sebaka seo go tlhasela basadi ba ba tsamayang ba le bosi ka nako eo.
O ikuetse mo merafeng e e farologaneng go dirisana le go thibela kgatlhanong le borukutlhi ja titeo le a mangwe.
A re se ba se dirang e le mapodisi se tlhoka kemo nokeng ya morafe ka se tlaa solegela lefatshe leno molemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Maun
Event : Dithuto
Date : 27 Jul 2016






