Mapodisi a kopa tshwaragano
27 Jul 2016
Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, o kopile banni ba Tutume go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
Superintendent Halahala o ntshitse kopo eo mo phuthegong kwa kgotleng ya Thini ka Labobedi. A re seemo sa borukutlhi ga se jese sepodisi diwelang.
O boletse fa dikgang tse ba kopanang natso letsatsi le letsatsi tsa tiriso mo tlhakanelong dikobo ya bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di kwa tlase di ngomola pelo thata mo kgaolong e a e okametseng go tswa Sebina go ema kwa Maitengwe.
A re ditiragalo tseo, di diragala mo matlhong a batho mme bone ba ntse moriti o o tsididi, e bile bangwe ba di rarabolola ka ditsela tse e seng tsone bangwe ba rekelwa sukitshana le madi seo e le pipa molomo.
Superintendent Halahala a re se ba se dirang ke molato o motona thata ka ba bipa mpa ka mabele ba lebala fa ene yo o dirisitsweng a setse ka ntho e e sa foleng e bile a senyeditswe isago.
O ne a gatelela ka gore dikgang tseo tsotlhe di ka fedisiwa fa ba ka tshwaragana ba di lwantsha ka ponyo ya leitlho a bo a kopa batsadi go ema ka dinao go kgalemela bana.
Gape o ne a bolela fa ba tshwenngwa ke melato ya go thuba le go utswa mo matlong, a supa fa magodu jaanong a dirisa matlo a beng ba one ba sa nneng mo go one ba berekela kgakala go tlhatlhela dipodi mo go one e bile di apeswa dikobo.
A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya dipetelelo tse le tsone ba sa kgoneng go tshwara badira melato a bo a tswelela ka gore go na le majalwa a a titielwang mo motseng a a seng ka fa molaong.
Modiri mo ofising ya tiragatso molao kwa khanseleng-potlana ya Tutume, Mme Kabo Fidzani o ne a sedimosetsa batho ka majalwa a a letleletsweng ka fa molaong go titielwa mo malwapeng.
Mme Fidzani a re majalwa a tshwana le khadi, setopoti, mokuru, nkombi le ela ke one fela a a titielwang mo malwapeng gape ga a tshwanelwa go tswakanngwa le metswako epe.
A re gape le fa majalwa ao a direlwa le go rekisetswa mo malwapeng, ba tshwanetse ba sala dinako tsa go rekisa majalwa ao morago.
O tsweletse a tlhalosa fa chibuku yone e sa letlelelwe go rekisiwa mo malwapeng fa motho a e rekisa o a bo a tlola molao.
A re gape ba tlogele mokgwa o bana ba rongwang majalwa le metsoko, a gatelela ka gore seo ke moila go roma ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borobabedi bojalwa e bile ke molato o motho a ka o otlhaelwang.
Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba bolela fa ba sale ba ikuela ka dipoto le diletso tse di lelelang kwa godimo bosigo le motshegare.
Rre Stephen Mbese o ile a bolela fa batho le bone ba na le go itlhaba ka thipa mpeng ka go hira batswakwa ba ba senang ditetlelelo tsa go nna mono mme a re batho bao ke bangwe ba ba rotloetsang borukutlhi.
Bontsi jwa dibui ba ne ba supa bomme ka monwana ba re ke bone ba ba rotloetsang borukutlhi mme mongwe wa bone Rre Chigwangwa Mmoloki a re basadi bangwe ba rekisetsa bana ba dikole motokwane e bile gape ke bone ba ba fang batswakwa boroko.
Rre Mmoloki a re bomme bao ba ba senang boikarabelo ba rekisetsa bana majalwa, a gatelela ka gore ke bone bo tshoso e rweleng mo ditirong tsa borukutlhi ba a kaileng ba ka baya tau botsetsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jul 2016






