Breaking News

Puophaa e bega komiti kgolo

26 Jul 2016

Mokwaledi mogolo yo mosha wa Botswana National Front (BNF), Rre Moeti Mohwasa, o lebogetse maloko a pele a komiti kgolo ya phathi eo tiro ya bone e ntle.

E rile a bua kwa phuthegong ya babega dikgang ka Labotlhano, Rre Mohwasa a re boeteledipele jwa nako e e fetileng jwa BNF bo tlaa tswelela bo ba ema nokeng
A re dikitso le boitemogelo jwa bone di tlaa tlhokega go godisa phathi.  

O ne gape a ba tlhomamisetsa gore boeteledipele jo bosha jwa BNF, ja ga Rre Duma Boko a thusiwa ke Rev Prince Dibeela  bo tlaa tlhomamisa gore phathi eo e nna e tsepame, e sa tswe mo tseleng.
Rev Dibeela o boletse gore BNF ke phathi e e kopaneng, mme e tlaa tswelela ka go bopagana le go feta.

A re Puophaa e dule kwa Francistown e bopagane.

Mme fa bangwe ba ne ba gopola gore BNF e kgologolo ya makgamu e boile, fela ka go ne go na le dipharologano fale le fale tsa megopolo, bogolo jang ka nako ya ditlhopho, batho ba ka solofediwa fela gore e ne le jone bothatanyana fela mme sengwe le sengwe se tsamaile ka thelelo.

Ka one mabaka ao, a re seabe sa BNF mo kopanong ya diphathi ya Umbrella for Democratic Change le diphetogo tse e di dirang mo kopanong eo, e tlaa bo e le tse dikgolo thata.
Maikaelelo a phuthego eo ya bobegadikgang e ne e le go lekodisa babega dikgang ka maduo a phuthego ya BNF.

Phuthego eo e ne ya tshwarwa ka malatsi a boitapoloso a ga Tautona kwa Francistown, go tlhopha boeteledipele jo bosha. Phuthego eo gape e ne ya dirisiwa go rolela babegadikgang maloko a masha a komitikgolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Phuthego

Date : 26 Jul 2016