Letlhoko la mmaraka le ama molemi
26 Jul 2016
Molemi wa merogo kwa Tlhareseleele mo kgaolong ya Borwa, Rre George Pheko, a re ga a robadiwe ke go tlhoka mmaraka.
Molemi yo mmotlana yoo o ne a simolola temo ya gagwe a sena go fenya dithuto tsa gagwe tsa go lema merogo kwa sekoleng sa ithutelo ditiro kwa Pelotshetlha gaufi le Kanye ka 2011.
O ne a tlhalosa mo potsolotsong kwa ditshupong tsa temo-thuo tsa kgaolo-potlana ya Good Hope ka Matlhatso gore temo ya gagwe, e e ntsheditsweng madi ke lekgotla la Youth Development Fund, e lebagane le dikgwetlho tse di akaretsang go sa ikanyegeng le kwelo tlase ya ditlhwatlhwa.
Rre Pheko a re kwa tshimologong o ne a lema dikhabeche ka nako e khutshwane le fa di ne tsa kgokgophala, ka jalo a simolola go lema ditlhatshana tse dingwe tse di ka dirisediwang melemo go leka go tswakanya temo ya gagwe.
Mo nakong eno, Rre Pheko a re mogopolo wa go tswakanya temo ga o ise o nne le maduo ntateng ya go sa ikanyegeng ga seemo sa mmaraka. A re mabentlele a matona, one a ba solofelang go rekisa mo go one, a ipeela ditlhwatlhwa mme ba reke ditswatemong tsa bone ka lemmenyana fela.
O boletse gore seemo se se dira gore ba tlhoke se ba ka se itirang fa e se go ineela fela mo go bone bareki bao mme seo se tlogele balemi ba le mo letlhokong le legolo la madi.
A re tsholofelo ya gagwe e mo mmarakeng wa beetroot o o kgonegileng ntateng ya go nna teng ga lekgotla la balemi ba merogo ba kgaolo ya Borwa la Southern Horticultural Growers Association (SOHOGRA) kwa maloko a teng a kgonang go rekisa merogo ya bone mo go Mr Veg ka ditlhwatlhwa tse di botoka.
Ka jalo, Rre Pheko o kopa mmuso go akanyetsa go tlhoma marekisetso a merogo, selo se a reng se ka kgontsha lefatshe leno go itemela dijo tse di lekaneng.
Mo go tse dingwe, Rre Pheko o ne a ngongorega ka go tura ga didirisiwa tsa temo a re di kgoreletsa temo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Goodhope
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2016






