Banana ba abela motlhoki
26 Jul 2016
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong, Rre Kganya Poloko, o akgoletse banana ba mokgatlho wa Legae mowa wa bopelotlhomogi.
Fa a bua kwa moletlong wa go gokelela Mme Elizabeth Maemo pompo ya metsi le go tsenya ntlo ya gagwe digalase tsa diokomela bagwe, Rre Poloko o ne a supa fa Batswana ba tshwaragane e bile ba kgathala ka ba bangwe.
Rre Poloko a re puso e na le dithuso le mananeo a a lebagantsweng le go tlhabolola matshelo a Batswana. A re le fa go ntse jalo go tlhokega gore setshaba le sone se thuse puso mo tirong ya go thusa ba ba tlhokang.
Rre Poloko a re se banana ba Legae Social Club ba se dirileng ke se se amogelesegang mo setshabeng mme a kopa batsadi go ba ema nokeng fa ba kopa dithuso tse di ka tlhabololang matshelo a setshaba, bogolo jang ka maloko a setlhopha seo a sa bereke gope.
Modulasetilo o ne a lebogela maiteko a banana bao mme a ntshetsa setlhopha seo P300 le go solofetsa go reka dimente di le masome a mararo ene le mokhanselara wa kgaolo ya Lepokole/Borotsi go feleletsa ntlo ya ga Mme Maemo.
Moanamisa mafoko wa selthopha seo, Rre Thabo Masilo, a re ba tsere tshwetso ya go thusa Mme Maemo ka seemo sa gagwe se ba utlwisa botlhoko mme ba bona go le maleba go mo tsenyetsa pompo ya metsi gammogo le go mo tsenyetsa digalase tsa matlhaba phefo.
Rre Masilo a re mokgatlho wa bone o ikaelela go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego ngwaga le ngwaga mo kgotleng ya Borotsi.
Modualsetilo wa Legae, Rre Poloko Jankie, ene o tlhalositse fa ba kgonne go kgobokanya P3 500 go fetsa tiro eo, mme a supa fa maikaelelo a bone e le gore mokgatlho oo o gole o kgone go thusa mo dikarolong tse di farologaneng jaaka go tlhama dikgwebo, go thusa mo go tsa diphitlho le mo go tse dingwe tse di ka tlhabololang matshelo a setshaba.
Le fa go ntse jalo moemedi wa ofisi ya mopalamente, Rre Monkemedi Dingalo, o supile fa mowa oo wa go tlhabolola matshelo a batho o le botlhokwa thata. Mokhanselara wa kgaolo eo Mme Segabo o supile fa bogologolo go ne go sena batlhoki mme botlhoki bo dirwa ke sesha a re Batswana pele ba ne ba thusana.
Mme Segabo o ne a kopa maloko a setlhopha seo go inaakanya le ba lephata la Gender Affairs gore ba kgone go simolola sengwe se se ka ba solegelang molemo.
Mme Maemo o ne a leboga setlhopha seo mme a supa fa a tlaa dirisa ditlamelo tseo sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Kabo dimpho
Date : 26 Jul 2016






