Tautona o amogela Arone
26 Jul 2016
Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o amogetse ka fa molaong mopalamente wa Okavango, Rre Bagalatia Arone, mo Botswana Democratic Party (BDP) kwa phuthegong e e faphegileng ya phathi eo kwa Mogoditshane.
Rre Arone, yo a neng a tswa kwa Botswana Congress Party, o ne a a lebogela BDP go mo amogela ka atla tsoopedi. Rre Arone o ne a tsena mo phathing e e busang ya Domkraga mo kgweding e e fetileng.
E rile a amogela maloko a Domkraga kwa phuthegong e e faphegileng eo, modulasetilo wa BDP, Rre Mokgweetsi Masisi a bolela fa phathi eo e okeditse dikgaolo ka go tsenya tse dingwe tse pedi, mme tsa oketsegela kwa go lesome le bone go tswa kwa go lesome le bobedi.
O ne a rotloetsa maDomkraga go tswelela ba tlotlomatsa kutlwano le tirisano mo pathing ya bone, go fenya matshosetsi a a bakwang ke diphathi tsa kganetso.
Phuthego e e faphegileng eo ya malatsi a mabedi e dumalane go tshwara ditlhopho tsa peo lotlhokwa nako e sa ntse e le teng kwa dikgaolong tsotlhe tse di gapilweng ke kganetso.
Ka fa modiri wa dipolotiki wa phathi ya BDP, Rre Ame Makoba a boletseng ka teng, ditlhopho tsa peo letlhokwa di tlaa tshwarwa ka kgwedi ya Phalane ka 2017 mo dikgaolong tsotlhe tse di gapilweng ke diphathi tsa kganetso.
A re letsatsi la bofelo la kwadiso e tlaa bo e le bofelo ja Seetebosigo ngwaga o o tlang mo go tsone dikgaolo tseo. A re kwadiso mo dikgaolong tse di mo diatleng tsa Domkraga, e tlaa tshwarwa ka Phalane 2018.
Phathi e ne ya bolela fa tse di dumalanweng kwa phuthegong eo di tlaa anamisiwa mo bekeng eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Kamogelo
Date : 26 Jul 2016






