Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa leso
25 Jul 2016
Monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare wa Phepheng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o fitlhetswe a akgega mo ditlhometsong tsa ntlu ya gagwe.
Mothusa mookamela mapodisi a Werda, Assistant Superintendent Keodirile Mponang, a re serepa se ne sa isiwa kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa e le boammaaruri monna yoo a tlhokafetse.
Mothusa mookamela mapodisi a Werda o boletse fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo.
Assistant Superintendent Mponang o kaile fa dikgang tsa go ikgapela botshelo di tshwenya thata mo kgaolong ya gagwe a kaya fa ba gatisitse dikgang di le nne fa e sale ngwaga ono o simologa go fitlha mo nakong ya gompieno.
O ne gakolola setshaba bogolo jang banana go kopa dikgakololo mo go ba ba lebaneng jaaka dikgosi, ba boipelego, baruti ,mapodisi batsadi le ditsala tsa bone ka seo se ka thusa mo tharabololong ya mathata a bone go na le gore ba itseele ditshwetso tse di seng maleba.
Le fa go ntse jalo, Assistant Superintendent Mponang o ne a iteela legofi bakgweetsi mo kgaolong yagagwe ka ba ne ba supa mowa wa tshwaragano le boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng mo malatsing a boitapoloso a ga tautona a ba a ba kopa go tswelela ba dira jalo le mo nakong ee tlang.
E re dikgang di eme jal, Mothusa mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Assistant Superintendent Selogilwe Sefawe o akgoletse bakgweetsi ba kgaolo eo tirisano mmogo le botho jo bo ntle jo ba bo supileng ka malatsi a boitapoloso a boikhutso ka go sa diragala dikotsi dipe.
Assistant Superintendent Sefawe o tlhalositse fa e sa le ba simolotse go dira dikganedi tsa tsela mo mafelong aa farologanyeng go simolola kgwedi eno e le lesome le botlhano go fitlha e le lesome le boherabongwe.
Rre Sefawe o boletse fa bakgweetsi ba ne ba obamela matshwao a tsela le gone go kgweetsa ba sa nwa bojalwa selo se a reng se ba itumedisitse fela thata.
Assistant Superintendent Sefawe a re mengwe ya melato ee ba tshwentseng thata mo dikganeding tsa tsela e ne le bakgweetsi ba ba neng ba kgweetsa dikoloi tse di sa itekanelang.
O kaile fa ba ne ba lebisa bakgweetsi bao melato ka go ba duedisa madi le gone go ba laela go ya go baakanya dikoloi tsa bone.
A re ba ne ba beile leitlho thata mo dikoloing tse di pegang setshaba a kaya fa di ne di siametse mesepele sentle le gone go pega palo ya batho ee lekanetseng mme a rotloetsa setshaba go di tshepa ka e le tsone tse di babalesegileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 25 Jul 2016






