Tshwaragano pinagare ya katlego
25 Jul 2016
Moeteledipele wa Botswana Association of Local Authorities (BALA), Rre Mpho Moruakgomo, o kopile mekgatlho go tshwaragana go nna seopo se le sengwe gore mantswe a bone a utlwale.
Rre Moruakgomo o ntshitse kopo eo kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le bongwe ke ba mokgatlho wa bomme wa Botswana Council of Women (BCW) kwa Maitengwe ka Matlhatso.
A re mekgatlho e tshwanetse go nna ngatana e le nngwe gore ba kgone go abelana megopolo le dikgwetlho tse ba kopanang natso mme ba tswe ka ditharabololo go na le gore bangwe ba bo ba goga ba le ntlha e nngwe.
O ne a leboga bomme ba mokgatlho oo, a re ba tswa kgakala ba eme ka dinao go godisa bana gammogo le go tlhabolola lefatshe.
O ne a rotloetsa bomme bao go dira ditumalano le lekgotla la BALA gore ba kgone go goga mmogo ka ba mo moonong o le mongwe wa go tlhabolola lefatshe.
Rre Moruakgomo a re mokgatlho wa BCW o ne o betla bomme go ba dira ba ba motia go kgona go etelela malwapa a bone ba sena borre.
O ne a gatelela ka gore dithuto tse bomme ba neng ba di anywa kwa mokgatlhong oo ba ne ba di fetisetsa kwa baneng ba bone gape ba kgona go ba tsenya dikole.
Rre Moruakgomo o tsweletse a ba gwetlha go okela banana mo mokgatlhong oo, a gatelela ka gore letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo.
O ile a ba akgola a re tiro e ba e dirang e kgolo thata, e bile ke bone ba ba agileng lefatshe leno, ka jalo ba tshwanetse ba tswelela fela jalo ka mowa o le mongwe le go rotloetsa banana go tshwaragana le bone go tsweledisa mokgatlho oo.
Mothusa modulasetilo wa BCW, Mme Lebelelang Maswabi a re lefatshe la Botswana le agetswe mo go bone, a supa fa mananeo a puso a a leng teng a le mo maikaelelong le maikemisetso a mokgatlho wa bone fa o ne o thaiwa ka ngwaga wa 1965.
A re BCW ke mokgatlho wa bomme ba ba farologaneng ba ba tswang mo diphathing tse di farologaneng mme fa ba le mo mokgatlhong ba nna seopo sengwe ba seegele tsotlhe tsa dipharologano tsa sepolotiki fa thoko, ka jalo ba goge ka mokgwa o le mongwe.
O tlhalositse fa ba sa ntse ba tshegeditse motlhala wa batho ba ntlha go tlhama mokgatlho oo ba itse fa tlhako ya morago e gata fa go gatileng ya pele teng.
Mme Maswabi a re ka mokgatlho oo, ba bopile basadi ba motia ba ba itseng go itirela ka diatla, selo se a kaileng fa go sena yo o tlhokang mo mokgatlhong wa bone ka ba itse fa mosadi tshwene, a jewa mabogo gape ke basadi ba ba amogelesegang mo setshabeng.
Bomme ba BCW ba supile fa ba setse ba itshopere fela ba sena barutabana mo dikoleng tsa bone tsa bananyana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Maitengwe
Event : Moletlo
Date : 25 Jul 2016






