Breaking News

2016 ngwaga wa boitumelo

24 Jul 2016

Ngwaga wa 2016 ke ngwaga o o botlhokwa fela thata mo lefatsheng la Botswana.

E rile mothusa mokwaledi go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao a bua kwa Sikwane kwa kamogelong ya molelo wa kgolagano a re ngwaga ono Botswana o tlaa bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa e bile gape tebelopele ya 2016 e tlaa bo e tla bokhutlong.

Rre Peter Mongwaketse a re ka jalo Batswana ba tshwanetse ba ipelela tsotlhe tse Botswana a di fitlheletseng go fitlha ka jaana.
A re go tswa kwa Botswana e neng e le teng fa e tsaya boipuso go nnile le diphetogo tse dintsi le ditlhabololo tse dintsi tse di tsisitseng diphetogo go dira se Botswana e leng sone.

Mothusa mokwaledi o ne gape a re molelo wa kgolagano o golaganya Batswana botlhe ka e bile o tsamaya motse le motsana.
A re e re Batswana ba ipela jalo ba lebogele kagiso e e renang mo lefatsheng la Botswana bogolo jang ka dintwa le maraganateng a bana ba mpa di tsweletse ka go kgaoganya mafatshe ka bontsi.

O ne a tlatsa ka gore molelo oo ke sekao sa popagano le kagiso e Batswana ba tshelelang mo go yone.
E re dikgang di eme jalo, Rre Mongwaketse a re ga a kake a lebala banana ka jaana ba na le seabe se segolo mo go se Botswana a leng sone mme e bile ba tswelela ba direla lefatshe la bone.

E rile a amogela molelo wa kgolagano, Kgosi Seabelo Pilane wa Sikwane a kaya fa ba itumetse ka jaana molelo wa kgolagano o tsisa kagiso mo gare ga bone.
A re o dumela gore dintwa le dikomano tse di ka tswang di ne di le teng di sutile mme jaanong kagiso le lorato di tlaa tsaya taolo mo motseng wa bone.

Kgosi Pilane a re molelo o o tlhagolela tsela boipuso jwa masome matlhano ka kgwedi ya Lwetse mme seo se mosola fela thata ka jaana se supa kgolagano le popagano e Batswana ba nnileng le yone go tloga ngwaga wa 1966.

E rile mokhanselara wa kgaolo eo Rre Molatlhegi Jautse a a fa malebo a leboga Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a tsisa mowa wa popagano mo gare ba Batswana.

A re kgato e Tautona Dr Khama a e tsereng ya go letla gore molelo wa kgolagano o tsamaye motse le motsana lefatshe lotlhe o tsisa kagiso le lorato mo gare ga Batswana bogolo jang ka Motswana mongwe le mongwe a nne kwa a ratang teng.

Mokhanselara Jautse a re se ke go tshwaraganya setshaba sa Botswana le go tsisa kagiso mme a rotloetsa Batswana go tsweledisa tshwaragano eo le gone gore ditiro di dirwe ka kagiso.
Molelo oo o tlaa tswelela o ya mo metseng e e latelang e leng Mabalane, Dikwididi, Modipane, Oodi, le Matebeleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Sikwane

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 24 Jul 2016