Kgwele ya dinao e ntsha banana mo mebileng
24 Jul 2016
Baemedi ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Molepolole Borwa ba re kgwele ya dinao ya sontaga e thusa banana go tswa mo mebileng le gone go ikgapha mo diphatseng segolo bogolo jang mo bojalweng le dikotsi tsa tsela.
Baemedi ba ditlhopha tse ba buile jaana mo potsolotsong morago ga gore ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa kgaolo ya Molepolole Borwa di rulaganye metseletsele ya metshameko e e neng e tshamekiwa ka malatsi a ga Tautona.
E re ntswa e ne e le lantlha ditlhopa tse di simolodisa metshameko ya mofuta oo, ba kaile fa metshameko eo e tlaa tshwarwa ngwaga le ngwaga ka malatsi a ga Tautona ka gore metshameko e tsamaile ka thelelo e bile ba kgonne go bona thotloetso.
E rile a tswa la gagwe, mmueledi wa setlhopha sa Dikwena Masters Rre Dunah Kgotle a re metshameko e ba butse matlho ka dilo tse dintsi mme fela se se botlhokwa ke gore metshameko ya mofuta o e bopaganya batho.
O lebogile barotloetsi ba The Good Samaritan go bo ba simolodisitse dikgaisano tse ka gore ditlhopha di ne di ntse di sokola ba sena dibolo, paka le one matloa tota.
A re dikgaisano tse di tlaa dira gore le bana ba ba tswang ko morago ba tswe pelo ba batle go ipona le bone ba tshameka bolo ka go supafetse fa batho ba rata kgwele ya dinao ka ba ne ba tshologetse metshameko eo ka dipalo tse di ko godimo.
Rre Bathusi Nkala wa setlhopha sa Big Six se e bileng gape e leng sone bommampudi ba metshameko eo, a re ba tswa kgakala ba tshameka bolo ya sontaga go itlosa bodutu fela mme ka thotloetso e ba e boneng, e ba bereketse fela thata.
O tsweletse ka gore dikgaisano tse di ba thusitse fela thata ka malatsi a boitapoloso ka di ne tsa dira gore batho ba itlose bodutu ba kgobokanele ko lebaleng mme se sa ba lebatsa nnotagi le melato ya bo ya fokotsega fela thata.
Moeteledipele wa mokgatlho wa The Good Samaritan, Rre Kabo Morwaeng, o tlhalositse fa mokgatlho wa bone e le wa bopelotlhomogi mme o fa dithuso tse di farologaneng mo bagoding, banalebogole, batlholagadi, batho ba ba dikobo dikhutshwane le banana tota.
A re e ne ya re banana ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa sontaga ba kopa thuso ba tsibogela mokgosi wa bone ka se se ne se tsamaelana le maikaelelo a mokgatlho wa bone.
A re o itumelela gore metshameko e tsamaile sentle mme ebile kamano ya bone e tlaa nna ya sennela ruri e bile ba tlaa tokafatsa go ya pele.
O tsweletse ka gore metshameko e e ne e phuthile batho ba le bantsi, batsayakarolo ba bangwe ba tshwana le ba tebelopele, ACHAP le ba bangwe ba thusitse fela thata go tsisa ditlamelo ko go bone fa metshameko e ntse e tsweletse.
Le fa go ntse jalo, palo ya batho ba ba itlhatlhobetseng mogare wa HIV fa metshameko eo e ntse e tsweletse ba ne ba le 98 fa borre ba le 70 ba ikwadiseditse go ya go rupa.
Moeteledipele wa Tebelopele mo Molepolole Mme Patricia Aaron a re ba itumeletse dipalo tse ka gore borre ba ntse ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2016






