Breaking News

Puso e tlaa bua le beng ba dipolase

24 Jul 2016

Tona wa lephata la ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re puso e tlaa bua le beng ba dipolase tse di gaufi le Mmaphashalala gore a ba ka se ba letlelele go dira tsela fa gare ga tsone.

Rre Maele o buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama  Ian Khama kwa Mmaphashalala bosheng.

O ne a tlhalosa gore mathata a go bo puso e sa kgone go dira ditsela fa gare ga dipolase tseo ke gore ke tsa beng ba tsone, ka jalo go tshwanetse ga nna le therisanyo pele.

Rre Maele o ne a bua jalo a araba, Kgosi Kemmapatse Bagatiseng wa Mmaphashalala fa a ne a itela gore ga go na ditsela fa gare ga dipolase, mme se se kgoreletsa mapodisi le masole go disa terata e e kgaoganyang lefatshe leno le la Aferika Borwa.

Kgosi Bagatiseng a re mme le bone fela beng ba motse ba palelwa ke go ya kwa dinokeng ka di potile dipolase ka kwa morago.

Tona o ne a tlhalosa gore selelo se sa bone ba a se itse mme ba tlaa bua le bone gore a ba ka se ba letlelele go kgaola tsela e ka yone banni ba ka e dirisang.

Fa a bua ka tlhaelo ya lafatshe, Rre Maele o ne a tlhalosa gape gore lefatshe ka bontsi la motse wa Mmaphashalala le tserwe ke dipolase ka jalo go thata gore puso e ka ba abela lefatshe le ka lone e setseng e le la beng ba lone.

Rre Maele a re mathata ke gone gore banana ba batla go akola mananeo a puso mme go sena lefatshe, bogolo jang ba masimo le meraka, a tlatsa ka gore moepo o o kileng wa sikiwa wa malatlha le one o ne wa tsaya lefatshe ka bontsi.

E rile a tswa la gagwe tona wa lephata la banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng a tlhalosetsa banni gore lephata la gagwe le tsibogetse kopo ya gore difomo tsa banana di thata ka jalo ba palelwa ke go di tlatsa.

Rre Olopeng a re e tlaa re mo pakeng e e tlang difomo tseo di bo di tlhofofaditswe gore banana ba tle ba kgone go akola mananeo a puso e ba a diretseng. Ends

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Jul 2016