Magodu a leruo a tlhorontsha Monwane
24 Jul 2016
Banni ba Monwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba tshelela mo kutlobotlhokong ntateng ya bogodu jwa leruo.
Banni ba re ga ba itse gore e tlaa re ba re ba robaletswe ke ditlhokwa go bo go rileng.
Se se tla morago ga gore ka malatsi a boitapoloso go fitlhelwe meswang le mateng a dikgomo tse go belaesegang e le tsa bogodu mo sekgweng kwa merakeng ya Gatshepe.
Mo potsolotsong, Rre Rutang Morulele wa moraka wa Gatshepe o ne a bolela gore e rile a le mo patlong ya dikgomo tsa gagwe bosheng a bona motlhala wa koloi o tsena mo sekgweng a bo a fapoga a o latedisa.
A re motlhala o, o ne wa mo isa fa setlhareng sa mohatlha ko a fitlhetseng moswang o go lebegang e le wa dikgomo tse pedi, ngati, le dinaka.
A re ka a itse fa kgaolo eo e tumile ka bogodu jwa dikgomo, o ne a ya go bitsa ba bangwe gore ba tle go mo lebisa. E ne ya re letsatsi le le latelang ba fitlhela megodu le mateng a pegilwe mo ditlhareng le lesaka mo gare ga sekgwa.
Rre Morulele a re dikgang tse mapodisi a a di itse ga mmogo le bogosi jwa Monwane e bile go a itsiwe gore bogodu jo bo dirwa ke bomang.
A re ba setse ba sena tshepo mo sepodising le bogosi ka gore ke dikgang tse di tswang ko kgakala ka le fa mmelaelwa a ka tshwarwa o nna letsatsi kana a mabedi fela a bo a golotswe. A re se se botlhoko le go feta ke gore ba tsere mananeo a puso le madi mo dibankeng ka mananeo a tshwana bo nthatlosa ko morakeng mme a supa fa se se ba tshedisetsa mo kgatelelong ya maikutlo.
Rre Jeremiah Tshipa le ene e le monni wa moraka wa Gatshepe, o iteetse mafoko a ga Rre Morulele kobo moroko a bua a sa kgwe mathe gore mapodisi a monwane ga a tsibogele dikgang tsa bogodu jwa leruo.
A re ga ba na baemedi, le jone bogosi ga ba bo itumelele a gatelela ka gore bana ba ba utswang ba ke ba Monwane.
A re mo nakong ya gompieno ga ba sa tlhole ba batla ka le tsone dikgomo magodu ba di feditse.
Rre Tshipa a re masaka a a mo sekgweng a, a beilwe ke one magodu, e bile ga a beiwa ka fa molaong a tlatsa ka gore a puso e tsibogele seemo se ka potlako.
E ne ya re a tsibogela kgang e, mogolwane wa sepodisi kwa Molepolole, Rre Tuelo Komanyane, a tlhalosa fa e le boammaaruri ba amogetse pego e tswa Monwane go utlwala fa monna mongwe yo a neng a batla a fitlhetse meswang ya dikgomo tseo mme mapodisi go tswa Mogonono a ragogela koo.
A re mapodisi ao a ne a fitlhela go ntse jaaka go ne go begwa meswang e sa ntse e le mesha.
Rre Komanyane o tlhalositse fa sebe sa phiri e le gone gore didirisiwa di ka tswa di tlhaela mme di ka okediwa.
A re go hema seemo seo, ba tlaa oketsa didirisiwa di tshwana le dikoloi a tlatsa ka gore go na le koloi e e ntshitsweng go ka dirisiwa ko Monwane.
A re ba tlaa oketsa mapodisi.
Fa a ama kgang ya masaka a a ikagetsweng mo sekgweng, Rre Komanyane a re masaka ao ke a bomaipaafela mme bone e le ba sepodisi ba tshwanetse go a rutlomolola ka a rotloetsa bogodu.
Le fa go ntse jalo o kopile morafe gore ba dirisanye le mapodisi ka dinako tsotlhe ba seka ba felelwa ke tshepho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2016






