Banana ba rotloeditswe go inaakanya le metshameko
21 Jul 2016
Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o rotloeditse banana ba lefatshe leno go inaakanya le metshameko e e farologaneng ka e le yone ba ka e dirisang go tlhabolola matshelo a bone.
Rre Makgalemele o dirile thotloetso e ka bosheng kwa Mmutlane fa a ne a abela setlhopha sa kgwele ya dinao sa Hot Dog kapari e e lopileng P5 500 go tsweng mo go Rre Balathegi Montshiwa le mohumagadi wa gagwe ba e leng bagwebi ba madirelo a Bravo Guest House kwa Mahalapye.
A re metshameko jaaka kgwele ya dinao le mabelo e na le bokamoso ka jaana e kgonne go direla banana bangwe ditiro. O file sekai ka Mogogi Gabonamong yo a kileng a tshameka ditlhopha tsa Africa Borwa le Amantle Montsho yo lefatshe leno le neng la itlotlomatsa ka ene morago ga go ikgapela dietsele kwa dikgaisanong tsa mafatshefatshe.
Rre Makgalemele yo e bileng e le mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, o akgoletse ba lelwapa loora Montshiwa go abela setlhopha sa Hot Dog kwa Mmutlane kapari, a bolela fa go dira jalo ga bone e le go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba dikobo-dikhutshwane ka go ba abela matlo a boroko,dijo le diaparo gore le bone ba kgone go nna le seriti jaaka Batswana ba bangwe.
E rile mogolwane wa madirelo a Bravo Guest House Rre Montshiwa a bua kwa letsatsing leo, a bolela fa a bone go le maleba go abela setlhopha seo kapari ka jaana kgwebo ya gagwe e ikaegile thata ka Batswana ba ba hirisang boroko kwa madirelong a gagwe.
Motsharelela bogosi jwa motse wa Mmutlane Kgosi Matlhare Maboka erile a amogela baeng mo motsing wa gagwe a bolela fa go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Mhiko Kekwaletswe o kopile banana ba setlhopha seo go somarala kapari eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MMUTLANE
Event : Kabo dimpho
Date : 21 Jul 2016






