Magapatona o akgola banana
21 Jul 2016
Kgosi Mpilo Magapatona wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume o akgoletse banana ba setlhopha sa kgwele ya dinao sa Magapatona United le balatedi ba sone tiro e ntle e ba e direlang morafe.
O ntshitse kakgolo eo ka letsatsi la go aba ntlo ya dikamore tse pedi e e agilweng ke setlhopha seo.
Ntlo e agetswe, Rre Ntote Mbulawa le mosadi wa gagwe, Mme Shanganani.
Kgosi Magapatona a re banana bao ba itshupile fa ba na le boikarabelo mo setshabeng ka go se motlhofo go bona bana ba dingwaga tsa bone ba kgatlhegela ditiro tsa boithaopo, a re bangwe ba tsaya nako e ntsi ba le kwa majalweng ba inaakantse le ditiro tsa botlhoka tsebe.
O ne a ba kopa gore fa ba bone nako ba ne ba kopanela merero le bogogi jwa motse gore setshaba se kgone go lemoga boleng jwa bone gape le go leka go rotloetsa banana ba bangwe go ba okela mo ditirong tsa go thusa setshaba bogolo jang ba ba tlhokang.
Kgosi Magapatona o ne a ba opela legofi a re ba botlhale thata e bile ba ka tlhabolola motse fa ba ka inaakanya le bogogi jwa motse go na le go supa botlhale ba le kwa nageng ba sa tsene merero ya kgotla ka bangwe go supagala ba sa itse le ene kgosi wa bone tota.
Sebui sa tlotla, mookamedi wa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Rre Edson Woto o galaleditse banana ba setlhopha tiro e ntle e ba e dirileng.
Rre Woto a re ke banana ba ntlha go tswa ka mogopolo wa go nna jalo mo motseng wa Tutume e bile ba gaisitse le bone bagolo tota.
A re ba arabile boikuelo jwa ga Tautona ja gore ba dipitse bonang ba dinao ka jalo ba lemogile fa go na le mongwe yo o tlhokang mme ba mo thusa. O ne a gatelela ka gore maiteko a bone a tsamaelana le moono wa monongwaga wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano lefatshe leno le ipusa.
Rre Woto a re ba lelwapa loora Mbulawa le bone ba ya go ipela ka boitumelo ka ba neetswe mpho ya sennela ruri e e tlisitseng seriti sa bone go ya go ileng.
O tsweletse a bolela fa banana ba setlhopha seo ba ipetletse tsela e motlhala wa bone o bonwang le ke difofu tota, selo se se tlaa nnang mo dipelong tsa batho ba kgotla ya Magapatona ka dinako tsotlhe.
Rre Woto o ile a kopa baamogedi ba matlo go tlhokomela matlo a ba a abetsweng ka tlhwaafalo ka kago eo e tlisitse pharologanyo mo matshelong a bone.
Mogolwane wa komiti ya Magapatona United, Rre Nlisi Kebe o ne a bolela fa tiro ya go aga ntlo eo e ne e le boithaopo, mongwe le mongwe a ne a tsaya karolo go bona gore toro ya bone ya go agela motsadi mongwe mo kgotleng ya bone e a diragala.
Rre Kebe a re ntlo eo e ba lopile dipula tse di makgolo a masome a supa le botlhano go e aga mme ba simolotse go e aga ngogola ka kgwedi ya Phukwi.
O ne a tlhalosa fa ba tswa kgakala ba aba ka ba ne ba abela bangwe dikobo le dijo, ba rekela bana ba masiela ba bararo diaparo le paka ya sekole.
Fa a tswa la gagwe, Rre Ntote o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke bana bao, a supa fa botshelo jwa gagwe bo tokafetse jaanong.
Moamogela ntlo Rre Mbulawa a re erile fa a bona tiro e ntle e e dirilweng ke banana bao, a tsaya kgongwana ya gagwe ya bofelo a ba neela go dira seshabo, tota a leboga tiro e kgolo e e dirilweng ke bana bao ka e feta kgomo eo go menagane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kabo ya ntlo
Date : 21 Jul 2016






