Breaking News

Mothusa molaodi o akgola Baherero

20 Jul 2016

Mothusa molaodi wa Maun, Mme Gaehetswe Maphakwane, o akgoletse Baherero go somarela ngwao ya bone.

O dirile jalo kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Baherero o o tshwarelwang kwa Tsau kwa bagaka ba pele ba boloketsweng teng.

A re go dira jalo go tlaa dira gore le dikokomane tsa bone di fitlhele ngwao ya bone ba bo ba ithute mo go yone. 

A re se se itumedisang ke tshwaragano e e renang fa gare ga Baherero a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga ba kopana le ba ba tswang kwa Namibia go ipelela ngwao.

A re ga ba kopane fela mo moletlong oo mme le mo ditirong tse dingwe jaaka manyalo le dintsho ba nna ba tshwaraganye.

Mme Maphakwana a re fa merafe e mengwe e ne e ka gata mo dikgatong tsa Baherero, ruri ngwao e ne e ka seke e nyelele. 

A re kapari ya bone le yone ke sekai sa gore ba tshegeditse ngwao ya bone.

O supile gape fa go gakologelwa bagaka ba bone ba pele  e le go supa mowa wa lorato le gone go lebogela tiro e ba e dirileng ka nako ya bone.

Mme Maphakwane o ba boleletse fa puso e rotloetsa merafe go tswelela e somarela dingwao tsa yone ka jaana tautona wa ntlha Sir Seretse Khama o tlhalositse fa tshaba e e senang ngwao e le e e latlhegileng.

A re le mo thuong, Baherero ba ntsha tlhogo a tlatsa ka gore e re le ntswa kgaolo ya Bokone Bophirima e apesitswe kobo ka letshoba ke bolwetse jwa tlhako le molomo, seo ga se ba kgobe marapo ka jaana ba lemoga maiteko a puso a go lwantsha bolwetse joo.

Mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Thato Kwerepe  le ene o ne a akgola Baherero ba Namibia a re ga gona tiro epe e e dirwang mo lefatsheng leno ba sa tle kwa go yone.

A re seo ke sesupo sa gore ke batho ba le bangwefela le ba ba mono. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : TSAU

Event : Moletlo

Date : 20 Jul 2016