Breaking News

Banni ba betla tsela go ya moletlong wa boipuso

20 Jul 2016

Banni ba Tsamaya ba itomile molomo wa tlase go tlhomamisa gore moletlo wa boipuso wa monongwaga e nna o o faphegileng.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng, go supagetse fa e le toro e kgolo ya banni go bona moletlo wa monongwaga o nna pharologanyo mo go yotlhe e e kileng ya tshwarwa.

Keletso e, e tlhotlheleditswe ke go bo lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le ipusa ka kagiso, selo se ka bosone e leng phitlhelelo e tona.

E ne yare a bula phuthego eo, mongwe wa magosana a motse oo Kgosi Fordson Sigwele a kgothatsa morafe go goga mmogo, a re ke fela go dira ka mowa o le mongwe mo go ka tlhomamisang gore boipuso jwa monongwaga e nna jo bo tlaa sekeng bo lebalesege.

Kgosi Sigwele, yo o neng a lebogela mowa wa popagano o o neng o rena ka nako ya fa go baakanyediwa go amogela molelo wa kgolagano, o ne a supa fa a na le tsholofelo ya fa mowa o montle oo tlaa tswelela go ya kwa boipusong.

Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang boipuso, Mme Angelinah Siwawa, ene o ne a rurifaletsa morafe gore le mororo go na le dikgwetlho tse di farologanyeng tse komiti e mekamekaneng le tsone, ba ikiteile sehuba go seke ba swabisa morafe ka gope.

O ne a supa fa mo nakong eno ba tlhobaediwa ke letlhoko la madi le go sa tsibogeleng go thusa komiti ga banni ba Tsamaya, mme o ne a ikuela mo go botlhe go ema komiti nokeng.

Mme Siwawa o gwetlhile banni go lemoga fa boipuso jwa monongwaga bo le pharologanyo ka e se tiro ya letsatsi le le lengwe lone la boipuso fela, mme bo na le metseletsele ya ditiragalo e e tlang pele ga letsatsi leo e akaretsa molelo wa kgolagano o o setseng o fetile ka motse oo.

A re ka ntlha ya se, botlhe ba tshwanetse ba lemoga botlhokwa le bogolo jwa meletlo ya ipelo ya monongwaga. Sebui se sengwe, Rre Skhosana Letsholathebe o ne a gakolola banni ba Tsamaya go rata lefatshe la gaabo, ga mmogo le go supa lerato leo ka ditiro.

O kgothaditse banni go emela ka dinao katlego ya moletlo wa boipuso, a re seo e tlaa bo e le tsela nngwe ya go supa fa ba lebogela le go itumelela ledula le ba tshelelang mo go lone mo lefatsheng leno.

Mo kakgelong ya gagwe, Kgosi Gunny Moses wa Monarch kwa Francistown, a bile a le monni wa Tsamaya o ne a itela mo morafeng wa gaabo go goga mmogo le go fedisa mokgwa wa go kubetsana le go gogagogana, a tlhalosa fa seo se ka tsenya motse mhoholela.

O gateletse gape botlhokwa jwa go sa kgapheleng kwa thoko badirelapuso ba pele, a ikuela mo baeteledingpele ba motse go dirisa dikitso tse di farologanyeng tse batho ba go nna jalo ba nang natso go godisa le go tlhabolola motse.

Kgosi Moses o ne gape a bua a menne phatla ka tiriso botlhaswa ya nnotagi ke banana ba motse, a re mokgwa oo o setse o tlhofofaditse seriti sa motse wa Tsamaya fela thata.

O ne a gwetlha batsadi go gagamatsa setoropo kwa malwapeng go fedisa seemo se se sa eletsegeng se.

Fa a akgela, monni yo mongwe Rre Sekopo Mosinga o ne a tlhomamisetsa batsayakarolo ba phuthego eo fa a tlaa buisana le banana ba ba neng ba sa kgona go tsena phuthego eo go batla methale e ka yone ba ka tsenyang letsogo mo dipaakanyong.

O ne gape a bolela fa ene le bangwe ka ene ba le babedi ba setse ba kile ba thulanya ditlhogo mme ba dumalane fa ba tlaa ntshetsa moletlo wa boipuso madi a a kanang ka P10 000. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : TSAMAYA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jul 2016