Dikereke di gwetlhiwa go itshekatsheka
20 Jul 2016
Mothusa motshwarelela bogosi jwa gaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse, a re dikereke di na le seabe mo tsamaisong ya lefatshe.
Ka jalo di tshwanetse go itshekatsheka bogolo jang ka lefatshe le ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse masome a matlhano.
Kgosi Seretse o buile se fa a ne a amogela maloko a mokgatlho wa baswela tumelo wa kereke ya Anglican mo bokopanong kwa s Serowe bosheng.
Bokopano jo jwa malatsi a mane bo ne bo akaretsa baswela tumelo go tswa kwa mafelong a a farologaneng a Botswana le go tswa Aferika Borwa.
Kgosi Seretse a re lerato le a nyelela, dikotsi tsa dikoloi di tsweletse go golela pele, selo se a reng se a tshwenya. A re lefatshe le no le tsepame bakeng sa dithapelo tsa dikereke a kopa maAnglican go ema ka dinao go fetola seemo se ka dithapelo.
Kgosi Seretse a re ba tshwentswe gape ke go thubega ga dikereke, a gwetlha batsena bokopano go rapelela lerato le kagiso mo dikerekeng.
A re Anglican ke nngwe ya dikereke tse di tswang goolowe di sena kgwetlho ya go thubega.
Rre Gothusang Moremi a re sekolo sa gagwe se segofetse go bo se tshegeditse bokopano jo.
O ne a galaletsa banana ba kereke e, ba a tllhalositseng fa ba supile gore ke bana ba Modimo ka go supa bopelotlhomogi le lerato ka go abela mme mongwe yo o nang le letlhoko fa ba ne ba kopane ngwaga e e fetileng.
Rre Moremi o ne a re tiro ya banana ba, e ne ya a fa mme yo, tsholofelo le gone go lemoga fa bangwe ba kgathala ka ene. O ne a re tumelo e e nang le ditiro ke yone tsela.
Mma bishopo Thapelo Beleme o ne a gakolola maloko a kereke go tlhokomela bao ba tlhokileng lesego, a re se se ka kgonafala fa batho ba ka itse seabe sa bone jaaka go neela.
O ne a re go botlhokwa go nna le mananeo mo kerekeng go thusa ba bangwe.
Mma Beleme o ne a re go na le dilo tse dintsi tse ba ka di dirang jaaka go etela magolegwa le go ba fa lorato le tsholofelo.
O ne a re go na le bana mo kerekeng ba ba nang le letlhoko a re ba ka ba rotloetsa ka go ba tlhokomela.
Mma Beleme o ne a re le bone jaaka kereke ba ka tsenya letsogo mo ditirong tse dingwe jaaka go agela batlhoki a re ga gona sepe se se thata mo leineng la Modimo. “A re direng se, e se go kgatlha ope, mme gore Modimo a galalediwe.”
Maloko a, a ne a abela bana ba SOS mo Serowe, ka ba dumela mo go kgaoganeng le seo Modimo a ba segofaditseng ka sone.
Bishopo Metlhayotlhe Beleme o ne a gakolola maloko gore ntswa ba tlaa bo ba na le kgaisanyo ya moopelo mo bokapanong jo, ba seka ba lwela dikopi tse di gapiwang, jaaka go kile ga direga mo lebakeng le le fetileng.
“Tota go opela ke kgalaletso Modimo e e sa tlhokeng phadisanyo. Bokopano jo ga se go opela ntswa bangwe ba tlela moopelo.”
O ne a gwetlha maAnglican go ema ka dinao go direla kereke le go tlisa pharologanyo mo matshelong a setshaba sa lefatshe leno ka go segofatsa ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : Bokopano
Date : 20 Jul 2016






