Breaking News

Madomkraga a kopiwa go itshekatsheka

20 Jul 2016

Balatedi ba Botswana Democratic Party (BDP) ba kopilwe go itshekatsheka le go tlogela dikgotlhang tse di bakwang ke go lwela maemo.

Kopo eo e dirilwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima Rre Samson Guma, yo e neng e le sebui sa tlotla kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya ditlhopho tsa bokhanselara tsa kgaolwana ya Kalamare, tse di neng tsa fenngwa ke Rre Charles Mponang mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2014.

A  re go kubetsana ka mafoko ga balatedi ba phathi ya Domkraga le go lwela maemo ga mapalamente mangwe le makhanselara ke dingwe tse di paledisitseng phathi go fenya ditlhopho tsa dikgaolwana tsa Phillip Matante kwa Francistown le tsa kgaolwana ya Kelemogile kwa Ramotswa.

Rre Guma o boleletse batlhophi gore fa balatedi ba phathi ya Domkraga ba ka tswelela ka go kubetsana ka mafoko le go lwela maemo mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba, ba tlaa lelela kgama le mogogoro ka jaana diphathi tsa kganetso di ka nna tsa tsaya puso ka 2019.

Rre Guma a re le ntswa phathi ya BDP e lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaelelwa ke madi le go phutlhama ga itsholelo ya mafatshe, Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka ditlhabololo tse di dirilweng ke phathi eo fa e sale e tsaya puso ka 1966.

E rile mopalamente wa Shoshong Rre Dikgang Makgalemele a tswa la gagwe, a lebogela batlhophi go mo tlhopha le makhanselara a gagwe mo ditlhophong tse di fetileng, mme a re ba tswelele ka go dira jalo le mo ditlhophong tse di tlang ka phathi ya BDP e le yone phathi fela e e ka kgonang go tsamaisa merero ya lefatshe leno.

Rre Makgalemele a re e re ka phathi ya Domkraga e na le baeteledipele ba ba nonofileng e bile e na le mananeo a Batswana ba ka a dirisang go tlhabolola matshelo a bone, go mo maruding a Batswana go tswelela ka go tlhopha phathi eo gore ba kgone go akola meamuso ya lefatshe leno ka tekatekano.

A  re pele ga phathi ya BDP e tsaya ipuso ka 1966 bontsi jwa dikgaolo tsa lefatshe leno go balelwa le ya Shoshong di ne di sena ditlhabololo di tshwana motlakase,ditlhaeletsano,ditsela tsa sekontere,dikole tse dikgolwane le dikokelwana tse gompieno Batswana ba ipelafatsang ka tsone.

Bangwe ba dibui kwa moletlong oo,e ne e le modulasetilo wa kgaolo ya Shoshong Mme Leepo Shadrack, Rre Orelebile Baatweng le Rre Charles Mponang ba ba neng ba kgothatsa banana ba BDP go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone le go ipaakanyetsa ditlhopho tse di tlang tsa setshaba. BOKUTLHO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Kalamare

Event : Ipelelo ditlhopho

Date : 20 Jul 2016