Manweenwee a tsieditse mosadi kwa Tsabong
20 Jul 2016
Mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe wa kgotla ya Bontleng kwa Tsabong o setse a iphotlhere morago ga gore a tsiediwe ke banna bangwe ba ba ipitsang baporofiti.
Go ya ka mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Howard Modo, mongongoregi o boletse fa a kopane le dilalome tseo mo mmolong wa Tsabong gaufi le banka ya Barcays bosheng.
Mookamela mapodisi a Tsabong o supile fa mme yo a begetse mapodisi fa dilalome tseo di ne tsa mmolelela fa a na le mathata mme ba eletsa go mo thusa ka ba bontshitswe fa a lwala.
Superintendent Modo a re mme yo a kaile fa borre bao ba ne ba mo laela go tsamaya le bone go ya go mo thusetsa kwa sekgweng mme ya re ba tsena koo ba mo laela go ba neela sekgwama gore ba se rapelele. Se ne se na le P910.
Superintendent Modo o boletse gore maferefere ao a ne gape a laela mosadi yoo gore a ba neele nomore ya sephiri ya gagwe ya kwa bankeng gore le yone ba e rapelele le gore a ye kwa lwapeng lwa gagwe go ya tsaya mosamo gore ba tle ba kgone go thusa ka fa go tshwanetseng ka teng.
Mme yoo o a ne a diragatsa ditaelo tsa dilalome tseo ka go ya go tsaya mosamo mme a tsamaya le monna yo mogwe yo ene a neng a ya go reka letswai go ya go thusa mme yoo.
Mookamela mapodisi a Tsabong a re mme yoo o boleletse mapodisi fa rre yo mongwe a ne a sala le sekgwama gore a sale a se rapelela.
Superintendent Modo a re mme yoo o ne a gakgamadiwa ke go supa ga cellphone gore go tserwe P6 000 mo polokelong ya gagwe ya banka.
Superintendent Modo o kaile fa e ne ya re mme yoo a boa koo go ya go batla dilalome tseo a fitlhela maloba e le maabane, ka go supegetse fa monna yo a neng a mo neetse sekgwama le nomore ya sephiri e le ene o tsereng madi a otlhe e leng P6 910
Mookamela mapodisi a Tsabong o supile fa mapodisi ba sa ntse ba tsweletse ba le mo patlong ya banna ba babedi bao mme a kopa setshaba go ba thusa ka go ba loma tsebe mabapi le go tshwara dilalome tseo.
Mabapi le tiragalo eo, Superintendent Modo o ne a gakolola setshaba go nna podi matseba ka dinako tsotlhe ka manweenwee a a jelang batho madi ba re ba a ba thusa.
A tlatsa ka go supa fa ba sepodisi ba dira maiteko otlhe a go tsibosa setshaba ka borukutlhi ka ditsela tse di farologaneng di tshwana le go bopa dikomiti tsa twantsho borukutlhi, diphuthego tsa kgotla, motshameko wa motshikhinyego mo thelebishining wa “Itshireletse”le tse dingwe. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 20 Jul 2016






