Breaking News

Tsamaya o tlaa sekaseka tebelopele

20 Jul 2016

E tlaa re kgwedi eno e tlhola masome a mabedi le boferabobedi banni ba Tsamaya ba bo ba kopane go sekaseka ka fa ba dirileng ka teng mo maitekong a go fitlhelela matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016.

Se se boletswe ke leloko la komiti e e baakanyetsang boipuso, Mme Mmaoshadi Bayi, mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng.

Mme Bayi o tlhalositse fa tiro ya letsatsi leo e tlaa phutha morafe le ba-na-le-seabe ba ba farologanyeng, e bo e ba fa sebaka sa go tsaya ka motlhala maiteko otlhe a motse o a dirileng tebang le go fitlhelela matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016.

A re letsatsi leo le tlaa ba fa sebaka sa go thulanya ditlhogo le go betla tsela e e ka ba gorosang kwa temeng e e sa tswang go segwa ya go ya kwa ngwageng wa 2036.

E ntse e le tse di amanang le komiti ya ipaakanyetso boipuso, leloko le lengwe, Rre Maxwell Habana, ene o ne a itsise phuthego fa e tlaa re Phatwe a tlhola malatsi a le lesome le bongwe, Tsamaya a inaakanye le meletlo ya lefatshe lotlhe ya go ipelela malatsi a le masome matlhano a a tlaa bong a setse pele ga letsatsi la ipelelo boipuso.

Rre Habana o ne a re e re ka jaana motse oo o ne wa retelelwa ke go ipelela go sala ga malatsi a le lekgolo, ba ikiteile sehuba go seke ba tlolwa ke go ka ipelela a le masome matlhano.

O ne a kopa banni go ema nokeng ditiro tsotlhe tse di tlhagolelang tsela boipuso jwa monongwaga, a re go dira jalo go ka tlhomamisa gore moletlo wa boipuso ka boone e nna o o pharologanyo.

Fa a bega ka kamogelo ya molelo wa kgolagano mo motseng wa Tsamaya, Mme Elsie Halahala o ne a tlhalosa fa tsotlhe di ne tsa tsamaya ka thelelo le ntswa go ne go le bokete go baakanyetsa tiro eo.

Mme Halahala o ne a iteela legofi banni le banaleseabe ka go farologana kemonokeng e ba neng ba e fa komiti e e neng e rulaganyetsa kgorogo ya molelo mo motseng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Reginald Mudongo o ne le ene a rolela banni hutshe, a bolela fa go nametsa pelo go bona tsela ya go ya moletlong wa boipuso e betlega.

Le ene fela jaaka dibui tse dingwe o ne a tlhalosa fa motlhala o o setseng o itshupa o o fa tsholofelo ya gore golo gongwe motse o tlaa go ya. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : TSAMAYA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jul 2016