Breaking News

Ba Maubelo ba tlhoma Lorekang semmuso

19 Jul 2016

Dipaakanyo tsa mokete wa peo ya  kgosi ya Maubelo ya Batlharo  kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa  Kgosi Phillip Lorekang di tsweletse sentle.

Mokwaledi wa kgotla ya motse oo Mme Keorapetse Nxhana, o tlhalosediste  BOPA  fa peo ya kgosi e tla morago ga gore Kgosi Setlhare Lorekang a tlogele tiro ka bogodi ngogola ka kgwedi ya Lwetse.

O kaile fa Kgosi Setlhare  Lorekang  a ne a rolela morafe wa gagwe fa a tlogela tiro le go rerisana le bone  gore o eletsa gore  ngwana mongwe  wa gagwe a  mo tlhatlhame go etelela  pele morafe wa Batlharo.

Mme Nxhana o boletse fa Kgosi Phillip Lorekang yo o neng a direla mo sepodising e le ene yo o   tlaa bong a gata setilo sa ga rraagwe  kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe mo kgotleng ya motse oo.

Mokwaledi mo  kgotleng  ya Maubelo a re  Kgosi Philip Lorekang o sale a simolotse tiro ya gagwe ya bogosi ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Sedimonthole.

Mme Nxhana o tsweletse ka go tlhalosetsa ba lekalana  la dikgang fa morafe wa motse oo o eme ka dinao go tlhomamisa gore tiro eo  ya peo ya kgosi e tsamaya sentle ka thelelo go ya ka fa ba solofetseng  ka go tlhopha komiti e e rulaganyetsang letsatsi leo.

Dingwe tsa dipaakanyo tse di tsweletseng ke paakanyo ya leobo la kgotla go e kgabisa ka mebala ya fologa ya Botswana, go aga ntlo ya Setswana le loobo lo lo agilweng ka mapako le tse dngwe.

  A re dipaakanyo tseo  gape di tlaa ba thusa  go tlhagolela tsela  ipelelo malatsi a dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa.

Mme Nxhana o supile fa gareng ga baeng ba ba laleditsweng ba laleditse Kgosi Pule Bareki  go tswa lefatsheng  la Afrika Borwa yo e tlaa bong e le ene sebui sa tlotla sa letsatsi leo, dikgosi kgolo tsa lefatshe leno,  Afrika Borwa le Namibia ba lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le ba lalediwa ba bangwe le bone ba tlaa bo ba le teng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MAUBELO

Event : Potsolotso

Date : 19 Jul 2016