Breaking News

Mojuta o lebogela ditlhabololo

19 Jul 2016

Kgosi Olebogeng Mojuta wa Botshabelo kwa Selebi Phikwe o gakolotse banni ba kgaolo eo fa loeto lwa go ipaakanyetsa boipuso le tsweletse, ka jalo a kopa morafe go supa boleng jwa bone go dira tsotlhe tse di tlhokegang.

Kgosi Mojuta o tlhalositse fa dipaakanyo tsa boipuso jwa ngwaga wa 2016 di tshwanetse  go gaisa tsa dingwaga tsotlhe ka bo tlaa bo bo le pharologanyo ka go bo lefatshe la Botswana le kopantse le go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa.

Kgosi Mojuta o tsweletse a lebogela ditirelo tse di tsisiwang kwa Botshabelo ka di fokoletsa mosepele o moleele go ya go tsaya ditlamelo kgakala, a tlhalosa fa ba Humana People to People ba ba tsileng go berekela kwa kgaolong ya gagwe ba tlaa tsisa pharologano mo matshelong a batho, jaaka go ba sidila maikutlo le tse di amang matshelo a selegae. 

kwa mo Kgotleng ya Botshabelo.

E rile a tswa la gagwe mopalamente yo e bile e le tona wa dikago boitseanape le maranyane Rre Molefhi a tlhalosa fa tsholofelo ya puso le banni ba Selebi Phikwe ba ne ba e beile mo madirelong a a nyerolosang ditshipi a Pula Steel bogolo jang jaaka moepo wa BCL o gomagometsa go kgaola babereki.

Mopalamente o tlhaloseditse banni ba Botshabelo fa e rile bosheng madirelo a Pula Steel a tswalwa morago ga gore ba tshomarelo tikologo ba dire ditlhotlhomiso tse ba lemogileng fa madirelo ao a ne a sa sala morago tsamaiso ya go bona gore tikologo ga e kgotlelesege le tlhokomelo ya babereki gore ba na le diaparo tsa itshireletso mme ya tshwanelwa ke go tswalwa go baakanya tsotlhe tse di tlhokafalang.

Mopalamente o solofeditse fa madirelo a Pula Steel a tlaa bulwa mo bogaufing mme a tlhalosa fa puso e tlaa gagamatsa molao wa gore ope a seka a rekisa ditshipi tse di kgologolo kwa ntle ga lefatshe la Botswana go itsa go tswalwa ka lebaka la letlhoko la ditshipi.

Ka jalo mopalamente o kgothaditse setshaba go tswa ka maano a go itlhamela ditiro ka puso e ka seka ya kgona e le nosi, a tlhalosa fa Selebi Phikwe e le nngwe ya mafelo a a nang le dithota tse di faphegileng tsa tikologo ya ditirelo tse go ka lengwang mme ga tlhamiwa mebereko.

Mo go tse dingwe, mopalamente o tlhalositse fa e tlaa re mo bogaufing madirelo a SPEDU a a apayang maungo a tlaa bo a simolola go bereka ka jalo puso e tlaa bo e pateletsa makalana otlhe a puso le a a ikemetseng ka nosi go reka tsotlhe tse di dirilweng mo Selebi Phikwe go tlhomamisa gore madirelo ga a tswalwe go tsosolosa itsholelo ya Selebi Phikwe.

Rre Molefhi  a re o solofela gore tirisano mmogo ya puso le ba lephata la temo-thuo e tlaa dira gore go nne bonolo go dira tiro go bona gore madirelo ga a sokole go bona maungo a a tlaa bong a dirisiwa.

Kwa bofelong mopalamente Molefhi o solofeditse banni fa e tlaa re ka ngwaga wa 2018-2019 sepatela sa Selebi Phikwe se bo se agiwa. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jul 2016