Breaking News

Molelo wa kgolagano o tsweletse

19 Jul 2016

Loeto lwa molelo wa kgolagano le tsweletse ka go tlhotlhoma le metse le metsana ya kgaolo ya Kgatleng.

Molelo o, o o ne wa amogelwa lantlha kwa  Artesia go tswa kwa kgaolong ya ga Mmangwato mme wa fetela kwa Kgomodiatshaba.

O ne wa feta ka metse ya Dikgonnye, Leshibitse, Ramotlabaki, Oliphant’s Drift, Malolwane, Ramonaka le Mmathubudukwane.

Dikgosi ka go farologana di supile fa molelo o o raya go le gontsi mo go bone bogolo jang ka Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a letleletse molelo o go tsamaya metse yotlhe mo lefatsheng la Botswana.

E rile bosheng molelo wa tsena ka Mmathubudukwane, morafe wa bo o tsile ka makatlananamane go tla go amogela molelo le go o bona ka matlho.

Fa Kgosi Michael Balebetse wa motse oo a amogela molelo wa kgolagano o ne a supa fa o raya go le gontsi mo Batswaneng le lefatshe la Botswana ka bophara.

O ne a bolelela morafe fa molelo oo e le matlhagolela tsela pele ga lefatshe leno le digela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le ipusa. Kgosi Balebetse a re o supa kgolagano le kagiso e Batswnana ba nang le yone e bile ba tshelela mo go yone.

A re ka jalo botlhe ba tshwanetse ba itumela ka seo e le sesupo sa gore Batswana ba tswa kgakala ba ntse ba  tshwaragana e bile ba dira mmogo. 

O ne a tlatsa ka gore se ke kgatelopele e tona mo lefatsheng leno ka e bile ngwao ya Batswana e ba e tshegeditseng e tswelela ka go tlisa seriti le thokgamo mo gareng ga bone.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Balebetse o ne a lemotsha morafe gore le bone ba tshwanetse ba ipotsa gore mme bone ba diretseng lefatshe la Botswana.

A re ke nako ya gore Batswana ba itshekatsheke mme ba lemoge gore lefatshe le le mo diatleng tsa bone mme ba tshwanetse ba dira tse di molemo go tshegetsa serodumo sa Botswana.

Kgosi Balebetse o supile fa kagiso, lorato le popagano e le tsone di dirleng Botswana se e leng sone mme tse di tshwanetswe tsa somarelwa go ya go ileng.

Mongwe wa banana ba motse oo Rre Anthony Rasetshwane o ne a rotloetsa banana ka ene gore ke nako ya gore ba eme ka dinao e le banana mme ba tseye karolo e e tletseng mo go nneng le seabe mo go godiseng lefatshe la Botswana.

O ne a ba kopa gore ba dirise mananeo a puso go itshetsa le go tokafatsa matshelo a bone bogolo jang ka puso e dira ka natla go thusa banana. ENDS

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 19 Jul 2016