Breaking News

Venson - Moitoi morongwa wa motia

14 Jul 2016

 Ntlhopheng wa Botswana kwa lekgotleng la mafatshe a a kopaneng a Africa (African Union, AU) Dr Pelonomi Venson - Moitoi o solofetse thata gore o tlaa tlhophiwa mo kgweding eno kwa Kigali-Rwanda jaaka baeteledipele ba mafatshe a Africa ba tlaa bo ba kopane go tlhopha. 

 Dr Venson-Moitoi, yo gape a leng tona wa tsa mafatshe a sele le tirisanyo ya mafatshefatshe o boletse fa a tshwenngwa ke gore ipapatso ya gagwe e na le dikgoreletsi tse di bakwang ke sepolotiki. 

A re dingwe tsa dikgoreletsi tseo ke seemo sa Botswana kwa kgotleng ya ditsheko tsa borukutlhi ya mafatshefatshe ( International Criminal Court (ICC) e go lebegang e farologana thata le mafatshe a Africa ka bontsi a a reng Africa e tshwanetse go intsha gotlhelele mo tumalanong eo ya Rome Statue. 

Dr Venson-Moitoi a re go lebega mo Botswana re bua se fa mafatshe otlhe a Africa a bua se se farologanang le se re se dumelang, a tlatsa ka gore ga re a tshwanela go tlogela tumalano eo fela ka ga e re berekele, boemo ja moo re tshwanetse ra e baakanya, seo ke tumelo ya rona.

O tsweletse a tlhalosa gore go botlhokwa go bona gore ke eng tumalano eo e sa bereke, go balelwa le gore a jaana go sa dirwe ke makgotla mangwe a a kwa ntle ga Africa jaaka khansele ya itshireletso ya lekgotla la ditshaba (Security Council).

Dr Venson-Moitoi a re fa re dumela gore khansele ya itshireletso e dira gore molao wa yone o seka wa re berekela, re tshwanetse ra itebaganya le khansele eo kana ra kopa gore melao eo e rulaganngwe sesha gore e re berekele go na le go e latlha, a tlatsa ka gore e tlaa bo e le go tlhoka go akanya. 

Dr Moitoi o boletse gore kwa phuthegong ya Hirikgong, o ne a bolela gore seemo sa Botswana mo kgannyeng eo ya Rome Statue e ne e le gore melao e baakanngwe gore e kgotsofatse dikeletso tsa mafatshe a Africa, mme botlhe ba ne ba dumalana.

A re mo nakong eno mafatshe a Kenya le Botswana a a dumalana ka jalo yo o reng Botswana ke moema nosi mo kgannyeng ya ICC ga a itse se a buang ka sone e bile ke yo o batlang go senya ipapatso ya gagwe fela.

O boletse gore kgang e nngwe e le yone e sa siamang ke ya gore Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ga a tsene diphuthego tsa AU.

A re e re fa a dumela gore Tautona o tshwanetse go tsena diphuthego tsa AU, o ne a bolela fa e se ene fela tautona yo a tleng a seke a bonale mo diphuthegong tsa, AU mme ebile go na le mabaka a a utlwalang a gore ke eng a seke a bonala mo diphuthegong tsa go nna jalo.  Dr Venson-Moitoi a re Tautona Khama o kopanetse ditiro le bao ba a dirang le bone ka jalo mothusa Tautona o a tle a emele Tautona ka botlalo mme gape ka kgwedi ya Phukwi, go ne go na le phuthego kgolo ya phathi ya Domkraga le malatsi a boitapoloso a ga Tautona. 

Kwa ntle ga moo, Botswana o duela makgetho a gagwe sentle kwa AU le gore lefatshe leno le na le moemedi yo mogolwane kwa AU yo o tsenang diphuthego tsa lekgotla leo ka fa tshwanelong. 

A re ka tsela e e ntseng jalo, ga a tlhaloganye gore ke eng gotwe Tautona Khama ga a ke a ya diphuthegong tsa AU, ke sone se a reng gongwe go ka tswa go ntse jalo ka ba batla go bona sefatlhego sa ga Khama, mme se ga se dire gore lefatshe la Botswana go bo gotwe ga le tsene diphuthego tsa AU.

A re mo godimo ga moo, Tautona Khama ga a kope tiro kwa AU, e kopiwa ke ene Dr venson-Moitoi ka sebele mme ka jalo seo ga se a tshwanela go dirisiwa kgatlhanong le ene.

A re gore mongwe a bo a ka re Botswana ga a tshwanelwa ke go bona maemo ao, ke mafoko a a senang tlhaloganyo.

Dr Venson-Moitoi a re ke tsone dikgoreletsi tse di emeng kgatlhanong le ipapatso ya gagwe mme fa e le gore Africa o tlaa tsamaya a tlhwaafalela botshelo, ga a tshwanela go dirisa mabaka a a ntseng jaana go tlhopha kana go thapa baemedi kana badiri ba yone.

E re le fa ipapatso e se motlhofo, Dr Venson-Moitoi o ipona e le ntlhopheng yo o tlhwaafetseng.

E ne ya re fa a sena go tlhongwa ke SADC, Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a bo a tlhoma tautona wa boraro Dr Festus Mogae go etelela pele setlhopha sa ipapatso ya ga Dr Venson-Moitoi mo Africa. 

Dr Venson-Moitoi a re komiti ya ipapatso e setse e tlhomilwe mme e dirile ipapatso e e mashetla mo kgaolong ya borwa ja Africa le mo matoneng a mangwe a le one a tlaa gasang ipapatso ya gagwe fa ba ntse ba tsamaya mo Africa. 

A re Tautona Khama o kwaletse botautona ba bangwe makwalo a kopa gore ba mo eme nokeng mo ipapatsong ya gagwe. 

O boletse gore matona otlhe a Botswana a filwe tiro ya go nna baemedi ba Botswana fa ba tsamaya mo Africa, mo go tlaa tswelelang go fitlhelela letsatsi la ditlhopho, a tlatsa ka gore go dira jalo go tlaa tlhabola ipapatso. 

Tona Venson-Moitoi o boletse gape gore o tsamaile mo Africa ka fa a ka kgonang ka teng a kopa kemo-nokeng mo matoneng a mangwe a mafatshe a sele gore ba mmuelele mo mafatsheng a bone.

Lekgotla la AU le kopana mo phuthegong ya bo 27 kgwedi eno kwa Kigali. 

Tlhopho e e tlhokwang ke ntlhopheng gore a nne modulasetilo ke bobedi mo borarong jwa batlhophi botlhe. 

Dr Venson-Moitoi o tlaa bo a iteisanya borathana le bontlhopheng ba bangwe ba le babedi go tswa kwa Uganda le Equatorial Guinea.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Interview

Date : 14 Jul 2016