Pensioners association e agela monni semausu
14 Jul 2016
Mothusa motshwarelela kgosikgolo wa Barolong yo mogolwane, Kgosi Mompati Marumoloa, a re go botlhokwa gore batho ba tlogele tiro ba sa ntse ba na le thata ya go ka itirela sengwe.
Kgosi Marumoloa o buile jalo ka Labobedi fa badirelapuso ba pele ba ba tlogetseng tiro (Botswana Civil Services Pensioners Association) ba Good Hope ba ne ba abela Rre Mothusi Mooketsane semausu go rokela ditlhako mo go sone kwa Gamajaalela.
Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Mephato Reatile, a re jaaka go ipelelwa dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ipusa, mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa gore o dirile phetogo efe mo botshelong.
A re Rre Mooketsane, yo e leng mo-na-le bogole, o tlaa ipelafatsa ka lerato le a le supediwang ke lekgotla le.
Rre Reatile a re lefatshe leno le tswa kgakala le ikaegile ka Modimo a tlatsa ka gore mpho e e filweng Rre Mooketsane ke Botswana Civil Service Pensioners Association e tlaa tokafatsa botshelo jwa gagwe le gone go bo tlhofofatsa le fa e le mo-na-le bogole.
A re lekgotla le, le dira tiro ya Modimo a tlatsa ka gore ba supa lerato le a reng ga le a tla ka phoso ka jaana dikereke di tsere matsapa gore lefatshe leno le bone itshireletso kwa ga Mmamosadinyana, mme ga rena kagiso.
Rre Reatile o kgothaditse ba ba abang go tswelela ka mowa oo, le gone gore ba o fetisetse kwa dikokomaneng, gore go nne le seo ba gopolang bagolo ka sone.
O tsweletse a re ba lekgotla la Botswana Civil Service Pensioners Association ba nne ba laletsa Modimo, ba tshele ka thapelo gore tsotlhe tse ba eletsang go di dira ka lorato di atlege,ba dire ka matsetseleko a magolo.
Modiri wa kwa ofising eo ya tsa ipapatso Mme Itumeleng Manthe o ne a tlhalosa gore madi a boloko ke masome a matlhano a dipula a tlatsa ka gore mongwe le mongwe fela yo o tlogetseng tiro o kgona go inaakanya le lekgotla le.
A re lekgotla le le thusa thata mo go tsa diphitlho a re ba bereka le makalana a mangwe a tsa poloko ya madi, go akaretsa Botswana Life, Metropolitan le ba Liberty go tokafatsa madi a diphitlho a a reng a kwa tlase fela thata mme ba ne ba buisana le bone mme ba oketsa madi ao.
E rile a amogela mpho eo, Rre Mooketsane o ne a supa gore ba Botswana Civil Service Pensioners Association ba sa le ba tswa kgakala ba mo eme nokeng a bolela gore ba ne ba mo abela didirisiwa tsa go roka ditlhako, mme jaanong ba mo abela semausu gore le fa go le pula kgotsa letsatsi go bo go na le se se mo sireleditseng mme a tsweletse le tiro ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : GOODHOPE
Event : Botswana Civil Services Pensioners Association Meet
Date : 14 Jul 2016






