Breaking News

Maun o ipaakanyetsa boipuso

13 Jul 2016

Kgaolo ya Bokone Bophirima e tlaa tshwara ditiro di le dintsi go ipaakanyetsa ipelelo boipuso jwa masome a matlhano

E rile a bua kwa phuthegong ya babega dikgang kwa Maun bosheng, mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Maun Administration Authority, Mme Angelina Leano a re ditiro tse di rulagantsweng di akaretsa letsatsi la ngwao, maitiso a mmino, mabelo a dipitse le go thuntshiwa ga dikirikete jaaka boipuso bo tlaa bo bo saletswe ke malatsi a le masome a matlhano gore bo ketekwe.  

O tlhalositse gore go ne ga dumalanwa gore metse yotlhe e takiwe ka mebala ya Botswana le gore khansele e tlaa thusa ka ditsompelo mo ditirong tseo.

A re badiredi ba tlaa thusa metse ka go direla kwa metseng eo ka fa go rulagantsweng ka teng fa maphata a a ka fa tlase ga lephata la ofisi ya ga Tautona a tlaa thusa metse ya Mababe le Somelo.  Le fa go ntse jalo, mangwe a mananeo a bone a ka nna a kgorelediwa ke go tlhoka madi mme a kopa gore banaleseabe ba bangwe le mhama o o ikemetseng ka nosi le bone ba thuse. O rotloeditse metse yotlhe e e masome mabedi e e ka fa tlase ga kgaolo-potlana ya Maun Administration Authority go ipaakanyetsa boipuso.

 Modulasetilo wa komiti ya boipuso Brigadier Letsogile Motsomi a re lefatshe la Botswana le itsege ka kagiso le kgololesego.

A re ipelelo meletlo ya boipuso e tlaa dira gore banana ba amogele ba bo ba ithute kwa Botswana a tswang teng, ka fa a simololetseng mo legoeleleng ka teng go fitlhelela fa a leng teng ka mowa wa boipelego o Batswana ba sa bolong go o rata.

Brigadier Motsomi o boletse gore go utlwisa botlhoko gore batho bangwe ba bo ba sa itse pina ya setshaba le dikano dingwe tsa setshaba.

A re setlhopha sa Maun sa Bots50 se tlaa thusa mo ditirong tse dingwe mo kgaolong jaaka meletlo ya ngwao ya Otjiserandu, Mbanderu le e mengwe ka go nna le baemedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : Phuthego ya ba bega dikgang

Date : 13 Jul 2016