Breaking News

Temo ya merogo e bokete

13 Jul 2016

Temo ya merogo e na le dikgwetlho tse dintsi.

Rre Cosper Magaya yo o lemang merogo kwa Sekgopa, gaufi le Botalaote mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re dikgwetlho di fekeetsa dipoelo tsa balemi ba merogo ba neng ba ka di bona mo temong ya bone.

Rre Magaya, yo o tlholegang kwa Zimbabwe mme a nna e bile a berekile mo mafelong a a farologaneng mo Botswana fa e sale 2007, a re fa a tshwantshanya seemo sa mo Botswana le sa kwa ga bone, mo Botswana go na le mefuta e mentsi ya diji le malwetse a mantsi a a kgoreletsang mhama wa temo ya merogo. 

A re bothata jo ke jone jo bo dirang gore ditlhwatlhwa tsa melemo ya diji le malwetse di ye kwa godimo, mme seo se tlame balemi go senya madi a mantsi le maiteko a mangwe mo go lekeng go tlamela dijwalo tsa bone. 

Bothata jo bongwe jo a bo boneng faesale a nna mo Botswana ke tlhaelo ya mmaraka wa merogo

A re bothata jo, bo okediwa ke gore mabenkele a matona mono, a ikaegile thata ka merogo e e tswang kwa mafatsheng a a gaufi jaaka South Africa go na le go ema nokeng balemi ba mo gae ka go reka mo go bone.

Kwa Ebenezer Greens, temo ya merogo e a e simolotseng ngwaga o o fetileng ka Sedimonthole, Rre Magaya a re o ne a nna le bothata jwa banana ba Batswana ba ba sa batleng go dira ditiro tsa diatla tse di jaaka tsa temo-thuo, selo se a reng se dira gore babereki ba seka ba nna lobaka lo lo leele ba le mo ditirong tsa bone. 

Mathata a mangwe a ba kopanang le one kwa polaseng ya Ebenezer Greens Farm, ke tlhaelo ya didirisiwa tse di ka hirisiwang jaaka diterekere.

A re seo gantsi se dia tiro ya go lemolola masimo gore go tle go jwalwe. 

A re tlhaelo ya metsi mo sedibeng se se mo tshimong ke nngwe ya dikgwetlho tse di fokotsang selekanyo sa lefatshe le a ka le lemang.

 Le fa a faraferwe ke dikgwetlho tse, Rre Magaya yo o nang le dithutego tsa Degree in Agriculture Management o na le tsholofelo e ntsi thata gore o tlaa fetola tshimo ya gagwe go nna e e ntshang dipoelo ka dipatlisiso le dikanoko di supa fa merogo e na le dipoelo tse dintsi mo Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : BOTALAOTE

Event : Potsolotso

Date : 13 Jul 2016