Phetogo ya loapi e kokonela matshelo
13 Jul 2016
Ditlamorago tse di botlhoko tsa phetogo ya loapi di tsweletse ka go kokonela batho ba ba dikobo dikhutshwane, .
Ke gone mo erileng a bua kwa thutopuisanong ya phetogo ya loapi bosheng, Tona wa Tikologo, Diphologolo le Bojanala, Rre Tshekedi Khama, a re go tlhokega gore go dirwe sengwe go tlhomamisa gore lefatshe le tswelela le dirisiwa mme le sa senyege, go fitlhelela maikemisetso a ditlhabololo go fitlha 2030 a a kwadilweng mo ditumalanong tsa Paris Agreement.
Botswana o ne a saenela ditumalano tseo tsa COP 21 Paris Agreement ngwaga o o fetileng, fa thutopuisano eo e ne ya a fa sebaka sa gore go buisanngwe gore COP 21 e ka diragadiwa jang mo lefatsheng leno.
Thutopuisano eo e ne ya simolodisa go ikemisetsa go dirisanya le puso, ga mehama e e ikemetseng ka nosi le makgotla a e seng a puso go mekamekana le mathata a phetogo ya loapi.
Ka jalo, Rre Khama a re go botlhokwa gore botlhe ba nne le seabe mo go tlhomamiseng gore ba diragatsa tse di dumalanweng mo ditumalanong tsa Paris le go ntsha madi ka fa go solofetsweng ka teng ga mafatshe gore tiro eo e tle e kgonagale.
O boletse gore lefatshe la Botswana le amogetse kopo ya lekgotla la ditshaba le phetogo loapi (United Nations Framework Convention on Climate Change (UNFCCC) go supa mafelo a le ka thusiwang mo go one ka madi mme le baakantse ditiro le mananeo a a ka dirisiwang go bona madi ao mo mehameng e e farologaneng ya itsholelo ya lefatshe leno.
A re dikakanyetso tsa go kopa madi di setse di le mo dieemong tse di farologaneng tsa go sekasekwa kwa diofising tse dikgolo.
Tona a re go oketsa go dira ditiro ga lefatshe leno, go tlaa tlhokana le ditsompelo tse dintsi mme ka jalo di oketse mokgweleo kana morwalo mo pusong go dira tse di tlhokegang.
E re fa go ntse jalo, lephata la tikologo, diphologolo le bojanala le mo thulaganyong ya go diragatsa ditiro tse di dirwang go lebilwe go dibela loapi.
Tona a re ba dirile maiteko a go fetlha motlakase ka matlakala, mme mo nakong eno e sa ntse e lekelediwa.
Lephata leo gape e ne ya re ngwaga o o fetileng la tshwara phuthego ya go thusa ditiro tse di dirwang go lebilwe go dibela loapi ka madi, e mo go yone, mhama o o ikemetseng bogolo thata ba ba dirang le madi ba neng ba le teng mme ba solofetsa gore ba tlaa nna le seabe mo tirong eo ya go thusa mo go tse di amanang le phetogo loapi.
Mo go tse dingwe, Rre Khama o ne a re go diragatsa ditiro tse di amanang le phetogo loapi, go thusa go hema dipe fela tse di ka tlhagogang tse di sa siamang ntateng ya phetogo ya loapi.
O boletse gore phetogo loapi e kokonela itsholelo ya lefatshe leno bogolo thata mo mhameng wa tsa temo-thuo le metsi
Ka jalo a re go fetoga ga itsholelo le go aga bokgoni ja itsholelo go itsetsepela mo mehameng ya botlhokwa e tshwanetse ya diragadiwa go thusa matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Thuto puisanong
Date : 13 Jul 2016






