Go tlhokafatse ba le bane
12 Jul 2016
Go tlhokafetse batho ba le bane mo kotsing ya tsela fa sekganeding sa tsela sa mapodisi kwa Dibete ka Matlhatso mo mosong.
Mo potsolosong, ramapodisi wa Dibete, Superintendent Phineas Makwaeba, a re tiragalo eo e diragetse mo mosong ka nako ya botlhano.
Superintendent Makwaeba a re batho ba le bane ba ne ba tlhokafalela gone foo fa ba le babedi ba ne ba ragosediwa kwa dipateleng tsa Nyangagwe le Mahalapye ka dikgobalo tse di masisi.
A re dikoloi tsotlhe di ne di tswa bokone di lebile kwa borwa.
O tlhalositse fa khombi e go belaelwang e ne e nale bapalami ba le barataro e ne e eme fa letshwaong la tsela e emetse go fetisiwa ke ba sepodisi fa koloi ya modiro wa Toyota Hilux e ne ya tla ka lobelo le le kwa godimo mme ya thula khombi eo kwa morago mme tsa pitikologa tsa kapa molelo ka bobedi.
A re ba ne ba kgona go tima koloi fa khombi yone e ne ya a sha ya ba ya lora, fa bapagami ba le mo teng, mme ba le babedi ba kgona go falola ka dikgobalo tse di masisi.
Superintendent Makwaeba a re mokgweetsi wa koloi eo ya Hilux, ke mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, mme ene o ne a bona dikgobalo tse di potlana.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse.
Superintendent Makwaeba o ne a gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe, go tsamaya ka lebelo le le lekanetseng, go emisa go iphitisa dino le go ikhutsa fa ba lapile.
O ne a tlhalosa gore dikotsi tsa tsela ka bontsi di ka fokotsega fa bakgweetsi ba ikela tlhoko mo ditseleng go babalela matshelo a ba bangwe le a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAHALAPYE
Event : Kotsi ya koloi
Date : 12 Jul 2016






