Breaking News

Mothusa tona o rotloetsa banana go ikemela

12 Jul 2016

 

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Frans Van Der Wethuizen a re o tshwenngwa ke ka fa bontsi jwa banana ba ineetseng mo go direng ditiro tsa Ipelegeng go na le go dira tse di ka tlhabololang bokamoso jwa bone. 

E rile fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mmanoko mo kgaolong ya botlhophi ya Molepolole Borwa bosheng, Rre Van Der Westhuizen a bolela gore ka banana ba sa ntse ba nonofile, ba tshwanetse go inaakanya le ditiro tse di botoka tse di ka tlhabololang matshelo a bone go na le go baya fela mo dikatsong tsa puso. 

A re ene o bona go le botoka gore batho ba bonwe ba dira sengwe go oketsa dithuso tsa puso ka tsela nngwe.

Mothusa tona o buile jalo morago ga gore monni mongwe wa Mmanoko a ngongorege gore ga a newa sebaka sa go ka ithusa ka lenaneo la ipelegeng ntateng ya gore o neelwa P1 200 yo o mo amogelang ka e le modiri wa mo lwapeng.

Rre Van Der Westhuizen o ne a bolelela phuthego gore go botlhokwa gore ba bone ditsela tse ba ka tokafatsang matshelo a bone ka tsone, a tlatsa ka gore madinyana a ipelegeng ga se a a ka ikanngwang, mme e ne e le thuso fela go namola batho ka nakwana.  

Ka kgang ya bogosi jwa Mmanoko, e e neng e bodiwa ke Kgosi Tsiakane Ramosesane, mothusa tona o boletse gore kgang eo e tshwerwe ke ofisi ya ga tona mme ka jalo go tlaa bo go sa siama go e bua mo mafelong a a tshwanang le ao. 

Fa e le sekoloto sa P15 000 se se kolotwang Water Utilities Corporation ke ofisi ya kgotla, mothusa mokwaledi yo mogolwane mo khanseleng ya kgaolo-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane o ne a gakolola gore ga go a siama gore komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmanoko e solofele gore sekoloto seo se duelwe ke puso a re seo e tlaa bo e le go baya sekai se se sa siamang ka gore bothata jwa dikoloto tsa diofisi tsa dikgotla bo aname le mafelo ka bontsi mo kgaolong ya gagwe ga se mo Mmanoko fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : bOPA

Location : GABORONE

Event : Kgotla meeting

Date : 12 Jul 2016