Dikereke di rapelela boipuso
12 Jul 2016
E rile bosheng, dikereke ka go farologana tsa kopanela tirelo ya Tshipi mo Gaborone go rapelela letsatsi la ga Tautona.
Tirelo eo, e ne e rulagantswe ke lekgotla la baruti la Gaborone le Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao, go rapelela boipuso jwa lefatshe leno jwa masome a matlhano go ntse go na le kagiso le thitibalo le go rapelela botautona ba pele le ba gompieno, baeteledipele ba setshaba ba ba akaretsang dikgosi, baeteledipele ba dikereke le ba sepolotiki le pula.
Baruti ba ne ba lebogela Modimo boeteledipele, tshireletso le tsotlhe tse a di neileng setshaba mo mathateng a se kopaneng nao.
Ba ne gape ba lebogela Modimo dilo tsotlhe tse a di diretseng Botswana mme a kopa gore a tswelele a segofatsa lefatshe leno mo dingwageng tse dingwe tse 50.
Ba ne ba rapela Modimo go fa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama le boeteledipele botlhale ja go etelela lefatshe leno pele ka fa Modimo o ratang ka teng ba bo ba akgola botautona ba pele tebelopele ya bone, e e dirileng gore Botswana e nne naletsana mo mafatshing a mangwe.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti la Gaborone, Dr Boitirelo Kabo o ne a akgolela kereke seabe se e nnileng le sone e bile e tsweletse go nna le sone go kopanya setshaba.
O boletse gore kereke e lemoga se Modimo a se diretseng lefatshe leno, a tlatsa ka gore sengwe le sengwe se re se dirileng, re ne re sa dire ka botlhale jwa rona, fa e se ka kaedi ya Modimo fela.
Dr Kabo o ne a kopa bateledipele botlhe le setshaba ka kakaretso go tswelela ba neela kereke seabe mo dipakanyetsong tsa moletlo wa boipuso wa masome a matlhano mme ba gakologelwe gore ke Modimo fela yo o re fileng sebakanyana go fitlhelela nako eno. O ne gape a leboga batho ba ba neng ba tsene merapelo go bo ba amogetse lerato le kaedi e Modimo a e ba neileng go kopana ba bo ba rapelela lefatshe ba le seopo sengwe mme a kopa Batswana go tswelela ba boifa Modimo.
Mo therong ya gagwe, Rev. Bishopo Dr Enole Ditsheko wa kereke ya New Temple of the New Jerusalem o ne a re kwa go nang le tebelopele, batho ba a tswelela, fa kwa go senang tebelopele, batho ba tlhokafala.
A re Batswana ba tsweletse ka go nna le kagiso le thitibalo le kutlwelobotlhoko ka ba eteletswepele ke babusi ba ba nang le tebelopele.
O ne a rotloetsa kereke go inaakanya le maikemisetso a tebelople ya 2016 a tshaba e e nang le lorato, tshaba e e siameng e bile e kgathala ka ba bangwe, tshaba e e sireletsegileng, e kopane e bile e ipelafatsa. A re go botlhokwa thata gore kereke e tswelele ka go do goga kwa pele mabapi e tsa boitshwaro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Dikereke di rapelela boipuso
Date : 12 Jul 2016






