Breaking News

Baruti ba monela marulana pele

12 Jul 2016

 

Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng o tlhalositse fa a itumeletse tshwetso ya morafe wa motse oo ya go rapelela metseletsele ya meletlo e e tlaa tshwarwang kwa motseng oo mo nakong e khutshwane.

Kgosi Puleng o buile se, fa a ne a amogela diphuthego tsa dikereke ka go farologana kwa kgotleng kgolo ya Letlhakeng ka Tshipi go tla go rapelela meletlo e a e solofetseng mo motseng jaaka wa ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, molelo wa kgolagano, boipuso ga mmogo le letsatsi la ngwao. 

Le fa go ntse jalo, Kgosi Puleng o supile matshwenyego ka dikgwetlho tse di ba emeng pele mo paakanyetsong meletlo eo di akaretsa go sa tseneleleng diphuthego ga banana, letlhoko la madi le tse dingwe.

A re ke sone se ba boneng go le botlhokwa go bitsa ba dikereke go tla go thusa ka thapelo. Kgosi Puleng o ne a kopa ba lekgotla la baruti go nna ba laletsa le ba e seng bakeresete diphuthego tsa mohuta oo e le tsela ya go ba thusa go itharabologelwa gore le bone ba atamele gaufi le Morena.

Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Karabo Lekula o ne a tlhalosa fa maikaelelo le maikemisetso a lekgotla la bone e le gore dikereke di dirisanye gore kwa bofelong lefatshe le nne le kagiso.

Moruti Lekula o tlhalositse gore le ntswa ba le dikereke tse di farologaneng ba rapela Modimo o le mongwefela, mme a re lefatshe leno ke mpho ya Modimo jaaka pina ya Setshaba e tlhalosa, mme ba tshwanetse go ipela ka lone le go le lebogela e le mpho.

O tlhalositse fa mafatshe a mangwe a sa iketla, mme a kopa Batswana gore ba itumelele kgololesego e ba e filweng ka Modimo, a bo a tlhalosa fa mebala ya folaga ya lefatshe leno e supa gore ba seka ba kgethololana ka letso le mmala.

O tlhalositse gape fa e tlaa re kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano, go nne le merapelo ya boipuso kwa kgotleng kgolo, mme a kopa gore ba tle ba apere mebala ya lefatshe leno. 

Moruti o supile fa kereke nngwe le nngwe e tlaa bo e diragatsa, mme a ba kopa gore ba tle ba ipapanne le gone go tla ka nako gore ba kgone go nna le sebaka botlhe. 

Modulasetilo wa komiti ya Bot50 mo Letlhakeng, Rre Marks Mokhowe o ne a supa fa go itumedisa go bona morafe o rapedisa dikgwetlho tse ba nang le tsone le go kopa botlhale kwa Modimong.

O supile fa komiti nngwe le nngwe e tlhoka banana mme a re sebe sa phiri ke gore ga ba tsene diphuthego.

O supile gore le ntswa ba baakanyetsa ditiro di le mokawana mo motseng, ga ba na letlole le ba lebileng mo go lone, a bo a kopa dikereke go ba thusa go kokoanyetsa meletlo e madi.

Baruti ka go farologana ba ne ba rapelela meletlo e, mme ba supa gore jaaka e le lesedi la lefatshe ba tshwanetse ba ema ba le seopo sengwe go itebaganya le dikgwetlho tse gore ditiro tse tsotlhe di atlege. 

Mokhanselara wa Letlhakeng bokone, Mme Stella Segwagwa, o ne a leboga tiro e ntle e lekgotla la baruti le e dirileng. 

O ne a kgothatsa morafe go ithuta pina ya setshaba gore ba tle ba e opele sentle ka letsatsi la boipuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Bokopano jwa dikereke

Date : 12 Jul 2016