Masisi o lekola matlhabelo
12 Jul 2016
Mmuso o lemoga dikgwetlho tse matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) a di raletseng mme o tlaa leka gotlhe mo o ka go kgonang go thusa mo dinakong tse di thata.
Mothusa Tautona Rre Mokgweetsi Masisi o boletse jalo mo potsolosong kwa bokhutlong jwa loeto lwa gagwe lwa matlhabelo a Lobatse ka Labotlhano gore le fa BMC e lebagane le dikgwetlho, matlhabelo a a dira sentle fela thata mo go rekisetseng European Union nama, mme a bone madi a a ka kgonang go a tsamaisa.
Rre Masisi yo gape a leng mopalamente wa Moshupa/Manyana o ne a amogela gore kgwetlho e tona e BMC e lebaganeng nayo, ke go tsaya lebaka le le leele e sa duele barui ba ba e rekiseditseng dikgomo.
A re o tlhalogantse gore tiego eo e bakwa ke gore BMC le yone e na le bothata ka gore ba e ba rekisetsang nama le bone ba tsaya lobaka lo lo leele go duela jaanong seo se dira gore le bone ba duele barui morago ga nako e telele.
A re go bo barui ba ema selekanyo sa dikgwedi tse thatatro go ya kwa go tse di ferang bobedi ba ise ba bone dituelo tsa bone,ke kgwetlho mme legale BMC e leka ka bojotlhe go khutshwafatsa nako eo.
Are loeto lwa gagwe lo dirile gore a lemoge fa mmaraka wa BMC o ne wa amega ntateng ya leuba le ka nako e matlhabelo a neng a tswetswe ka nako ya fa nare e bonwe mo kgaolong ya Borwa.
O ne a re mmuso o tlaa tswelela o buisanya le boeteledipele jwa BMC go tla ka maano a go tsosolosa matlhabelo ao gore a dire ka botlalo.
Mothusa Tautona a re e rile fa a etetse matlhabelo ao, o ne a kgatlhiwa ke bophepa jo bo kwa godimo jwa matlhabelo ao go balelwa le seemo se se kwa godimo sa nama ya matlhabelo ao.
Rre Masisi a re o ne a itumedisiwa ke boranyane jo bo kwa godimo jo a bo boneng kwa BMC go tlhaba dikgomo, go simologa fela ka kgomo e bolawa go fitlhelela e tsena kwa e rekisiwang teng e phuthetswe sentle gore e bo e tle go jewa ke batho.
O boletse gore go nna phepa go botlhokwa ka jaana ditiro tse di dirwang mo matlhabelong ao ke tsone tse di batlwang ke bareki ba nama ba EU, bone ba ba tsisang madi a mantsi.
Kgwetlho e nngwe e a e itemogetseng ke gore BMC e tsamaisa matlhabelo a mangwe a yone a le mabedi, a Francistown le Maun, a sa dire dipoelo dipe fela.
A re puso ga e eletse gore matlhabelo a mabedi ao a tswalwe, a tlatsa ka gore bogolo go botoka go leka go a dira gore a nne le dipoelo, ka go tokafatsa ka fa a dirang ka teng.
A re le fa matlhabelo a mabedi ao a sa dire dipoelo tse di kgotsofatsang, ga gona ope yo o ka tsayang tshwetso ya gore a tswalwe ka a dira tiro e ntle thata mo setshabeng, ka e hirile batho ka jalo e tokafaditse matshelo.
Mookamedi wa BMC, Dr Akolang Tombale o boletse gore le fa BMC e dira sentle go botlhokwa gore batho ba amogele gape dikgwetlho tse kompone eo e di raletseng.
O boletse gore leeto la ga mothusa Tautona ke tshegofatso bogolo thata ka a ithutile go le gontsi mo go se a se boneng kwa matlhabelong ao.
Dr Tombale o supile fa bontsi jwa dikgomo tse di tswang mo merakeng di se mo seemong se se letlelesegang go ka rekisiwa kwa mmarakeng wa EU ka jalo BMC e tshwanetse go di reka mo baruing, mme ba tle go di ipaakanyetsa gore di kgone go tsena mo seemong se se batlwang ke mmaraka wa EU.
A re kompone eo le yone e kopane le dikgwetlho tse dingwe tse di jaaka malwetse a dikgomo mo e rileng ka 2011, BMC ya emisa go rekisa nama kwa EU.
O lebogetse thuso ya puso ka go ntsha madi go duela dikoloto, a tlatsa ka gore mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, BMC e kgonne go oketsa dipoelo tsa yone mo go nametsang.
O ne a dumalana le mothusa Tautona gore faesale matlhabelo a Francistown le Maun a bulwa, ga a ise a tsenye dipoelo dipe le fa gone matlhabelo ao a thusa batho.
Dr Tombale o lebogetse loeto lwa ga Mothusa Tautona ka le supegeditse puso bothata jo botona jo BMC e lebaganeng le jone.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segametsi Kebonang
Location : LOBATSE
Event : Loeto la ga mothusa tautona kwa matlhabelong a Lobatse
Date : 12 Jul 2016






