Breaking News

Batshu o akgola UCCSA

11 Jul 2016

Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu, o galaleditse kereke ya UCCSA  go nna pelotlhomogi.

Rre Batshu o buile seo kwa Shashe Mooke, fa maloko a kereke eo a ne a  abela Rre Selelo Mbaya ntlo ya dikamore tse tharo ka Matlhatso.

Rre Batshu, yo gape e leng Tona wa tsa Pereko le Selegae, a re kereke e dirile tiro e tona thata ka go tsibogela mokgosi wa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

O tlhalositse fa mo botshelong batho ba sa lekane e se meno, ka jalo o rotloeditse kereke go tswelela ka mowa o montle wa bopelotlhomogi go thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

O tladitse ka gore se se dirilweng ke kereke ya UCCSA ke sesupo sa gore ba tshela mowa wa tebelopele wa go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e bile e kgathala ka matshelo a ba bangwe. Tona o bile a kgothatsa dikereke ka go farologana go tsaya malebela le go tshwaragana le puso go tlhabolola matshelo a setshaba ka kakaretso. 

A re seriti sa ope fela yo o tlhokileng lesego, e tshwanetse ya nna kgwetlho mo setshabeng, a tlhalosa gore thuso ke thuso fela go sa kgathalesege gore e bonnye bo kae.

Le fa gontse jalo  Tona Batshu o akgaotse dikereke go nna le seabe  mo go tlhabololeng lefatshe leno.

O tlhalositse fa dikereke di agile dipatela, dikole  ba dira jalo ka mowa wa boipelego o mo nakong eno Batswana ba tshwanetseng go o tsosolosa go tsweledisa tsa ditlhabololo.

Rre Batshu o tsweletse a tlhalosa fa mo nakong eno go setse go abilwe matlo a le 618, a tlatsa ka gore a le masome a mane le bobedi a sa ntse a agiwa mme a tlaa abiwa mo nakong e khutswane.

Fa a tswa la gagwe Kgosi David Adam o ne a lebogela lenaneo la go agela batho matlo a re le dira pharologanyo, e e seng kana ka sepe mo matshelong a batho.  Kgosi o bile a tlhalosa fa go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

Kgosi Adam o  kgothaditse bao ba ba abelwang dimpho tse go di babalela ba itse fa ba di abetswe ka lorato le legolo.

Fa a amogela mpho eo, Rre Mbaya o ne a supa boitumelo a re  mpho e e tsile go mo fa seriti mo botshelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : SHASHE MOOKE

Event : Kabo ya Ntlo

Date : 11 Jul 2016