Breaking News

Balemi ba kgothadiwa go ipaakanyetsa ditshupo

11 Jul 2016

Balemi barui ba kgaolo ya Mahalapye gammogo le bagwebi ba kopiwa go ipaakanyetsa ditshupo tsa temo-thuo tse di tlaa tshwarwang kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabongwe go tsena e le masome a mararo.

Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Tsholofelo Ntlhaga, o boletse mo potsolotsong gore le ntswa ditshupo tseo di tshwanetse go tsenwa ke metse e le masome a mabedi le bone o tshwenngwa ke gore balemi-barui bangwe le bagwebi ba sa ntse ba goga dinao go isa disupiwa kwa ditshupong tseo.

Rre Ntlhaga o tsweletse ka go kopa balemi-barui le bagwebi ba kgaolo ya Mahalapye go ipaakanyetsa ditshupo tseo,ka e le tsone tse di ka ba thusang  go bapatsa dithoto le go abelana megopolo ka dikgwebo tse ba inaakantseng le tsone.

A  re mo metseng e le msome a mane e e welang kwa kgaolong ya selemisi ya Mahalapye Bophirima, ke Tewane fela o o kgonneng go ntshetsa ditshupo tsa monongwaga madi fa metse e le masome a mabedi le boraro go balelwa Mahalapye le Shoshong e ise e kgone go ntsha madi ao.

Rre Ntlhaga o tlhalositse fa dikgaisano tsa mmabontle wa ditshupo tsa monongwaga di tlaa tshwarelwa kwa Shoshong kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro,mme a bolela fa bagolo ba tlaa tsena masome a mabedi a dipula fa bana bone ba tla tsena dipula tse some.

O kgothaditse balemi-barui go itshwaraganya le balemisi ba dikgaolo tsa bone mabapi le go ikwadisetsa go isa disupiwa kwa ditshupong tseo,tse go iseng go tlhomamisege gore di tlaa bulwa semmuso ke mang.

A re e le ba komiti ya kgaolo ba dumelane mo dingwageng tse di fetileng gore metse e metona jaaka Mahalapye le Shoshong e ntshetse ditshupo tsa kgaolo P1 000 fa metse e e latelelang eo jaaka Mookane, Kalamare le Mmaphashalala yone e ntsha P500 mme e mebotlana yone e tshwanelwa ke go ntshetsa ditshupo tseo P200 ngwaga le ngwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 11 Jul 2016