Themashanga o a ipela
11 Jul 2016
Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi, o akgoletse sekole se sebotlana sa Themashanga diphitlhelelo tse se nnileng le tsone fa e sale se tlhongwa ka 1976.
Fa a bua ka Matlhatso kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome a mane sekole seo se ntse se le teng, Rre Masisi o ne a rolela hutshe banni ba motse oo go bo ba ne ba ithwesa boikarabelo jwa go simolodisa sekole.
A re go bo sekole sa Themashanga se thailwe ka mowa wa boithaopo ke selo se sentle se se tshwanetseng go tlotlomadiwa, a bolela fa le lone lefatshe la Botswana ka bolone le kgonne go le gontsi ka ntlha ya go tseela kwa godimo bomosola jwa boithaopo ga tshaba ya lone.
Mothusa Tautona, yo gape a leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Moshupa/Manyana o bile a gwetlha banaleseabe ba mhama wa thuto ga mmogo le batho ka bongwe ka bongwe go kgaratlhela go thusa go tokafatsa ditirelo tsa thuto.
A re go dira jalo ke nngwe ya ditsela tse di tlhomameng tsa go thusa go betlela Batswana bokamoso jo bo phatsimang ga mmogo le go nonotsha tsholofelo ya gore e tlaa re isago
matshelo a bone a bo a kgatlhisa le go feta.
Go ya ka mogokgo wa sekole seo Mme Misha Israel, sekole se sebotlana sa Themashanga se simolotse ka dipalo tse di kwa tlase tsa baithuti le barutabana, a supa fa le one matlo a borutelo tota a ne a seyo mo dingwageng tsa sone tsa ntlha.
Le fa gone mo nakong eno se godile fela thata, Mme Israel o kaile fa ba sa ntse ba itemogela tlhaelo fale le fale.
O ne a ikuela mo pusong go thusa sekole seo ka go se agela diofisi tse mogokgo le botsamaisi jo bongwe jwa sekole bo ka direlang mo go tsone. O ne gape a gwetlha banaleseabe go ithaopa go nna barotloetsi ba sekole sa bone ka lenaneo la Adopt - A - School.
Moemedi wa baithuti, Wetsho Mahube ene o ne a itsise batsayakarolo kwa moletlong oo fa toro ya bone e kgolo e le go dira bontle e le baithuti mme e bile ba ikiteile sehuba go fitlhelela seo le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya didirisiwa.ENDS
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : THEMASHANGA
Event : moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome a mane
Date : 11 Jul 2016






