Puso e tsweletse ka go tlhabolola thuto
11 Jul 2016
Puso e tsweletse ka go tsaya tsia le go lemoga seabe sa thuto mo mehameng yotlhe e e akaretsang thuto, e ka tswa e le thuto epe fela kana ya tiro ya diatla.
Erile a bua kwa bokopanong jwa beke jwa go ipaakanyetsa ipelelo meletlo ya go bala le go kwala ke ba lekalana la thutuntsho ya thuto ya bao ba ba sa rutelweng kwa sekoleng (Out of School Education and Training-OSET) ba kgaolo ya Tswapong bokone e e akaretsang dikgaolwana di le thataro, mogolwane go tswa kwa go ba khansele ya ditlhatlhobo (Botswana Examination Council -BEC) a lebaganye le botsamaisi ja ditlhatlhobo le ditlankana, Mme Dorcus Morake a re ba tshwere dipuisano le ba lephata la thuto gore go akarediwe ditlhatlhobo tsa ditiro tsa diatla mo lekalaneng la ditlhatlhobo fela jaaka go dirwa ka makalana otlhe a thuto.
Mme Morake a re fa dipuisano di sena go wela seo se ya go fa moithuti mongwe le mongwe sebaka sa go lemoga botlhokwa jwa dithuto tse a di ithutetseng e ka tswa e le tsa lekalana le le tshwanang la gaegolelwe kana lefe fela ka ditlhatlhobo di tlaa bo di rulaganngwa go tswa go le gongwe se bo se raya gore ditlankana tsa teng tsotlhe ke tsa boleng jo bo amogelesegang fela jaaka ja dithuto tse dingwe.
Ditshekatsheko di dirwa mo dithutong di tshwana le tsa Technical Vocational Education and Training (TVET) a re moo go mo tiisa moko le go feta go bo a kgonne go nna mo tirong e e tlaa mo fang sebaka sa go tlhaloganya sentle ka lekalana la OSET.
O ne a re mongwe le mongwe mo lefatsheng leno o fiwa tekatekano ya thuto le go ithuta ka tshosologo go sa lebelelwa dingwaga tsa gagwe, a re mananeo a thuto gaegolelwe a akaretsa go le gontsi ka boitseanape le dikitso tse di nonneng ka go anama ga one go akaretsa botlhe. O ne a re motho mongwe le mongwe o ka nna mmueledi wa thuto ka mananeo a a teng a bo a tsene le mo phadisanong le mafatshe a mangwe ka one mananeo a a teng, mme o ile a re letsatsi le le tlhoka gore go itshekatshekwe kwa thuto ya gaegolelwe ba tswang teng le bone le seabe sa yone mo matshelong a batho ba ba e dirileng.
Mme Morake a re phefo ya ditlhabololo fa e foka e fokela mongwe le mongwe, gape e fa motho mongwe le mongwe go itshekatsheka ka bonosi le go tsaya boikarabelo ka se ene a se eletsang go ka fetola botshelo ja gagwe, mme a re a botsadi bo tseye boikarabelo mo thutong ya bone le bana ba bone.
O ile a rotlowetsa batsayakarolo mo moletlong oo, go dirisa sebaka se a re Botswana ke lengwe la mafatshe a thuto e sa ntseng e le mahala mo go lone, mme a gwetlhwa ba lephata la thuto le tlhabololo dikitso ba kgaolwana ya Palapye go nna le tebelelo pele le go fetolela dikgwetlho mo ditharabololong. E rile go le pele, mogolwane wa lekalana la thuto ya bagolo Mme Oitshupile Kolenyane a okametse kgaolwana ya Palapye a tlhalosa maikaelelo a letsatsi e le go tla go rotloetsa le go atamela morafe o o saletseng kwa morago go tla go anya dikitso tse dintsi mo go bone, a tlhalosa fa puso e phutholotse letsogo ka go atolosa dithuto tsa gaegolelwe ka go tsenya tsa go roka, go loga, go apaya, go dira dijeme, mekgabisa le gone go bala le go kwala.
Mme Kolenyane a re ba na le mananeo a le mararo a a lebaganyeng le lekalana la bone, a re ke la go bala le go kwala, la dithuto tsa bana ba dingwaga tse di simologang ka borataro go ya kwa go lesome le boferabongwe le la tiro ya diatla, a re mananeo ao otlhe a kgona go tshetsa Batswana le go ba ntsha mo lehumeng.
Mme Kolenyane o ne a re mo kgaolong ya gagwe go kwadisitswe batho ba le 328 mo mananeong a a farologanyeng, ba bontsi ja bone e leng bomme, a supa fa borre ba sa ntse ba le maoto a tshupa go inaakanya le mananeo a ba nang le one. Mogolwane wa thuto mo kgaolwaneng ya Palapye, Rre Otukile Kedikilwe, go tswa mo lephateng le thuto le tlhabololo dikitso o ne a re kgwetlho ya bone ke go bona Batswana ba itse go bala le go kwala, ba itirela e bile ba na le kitso. Rre Kedikilwe a re ke sone se puso e tsweletseng ka go fa bao sebaka sa go ikwadisetsa dithuto ka lenaneo la Target 20 000 gore ba kgone go rutintshiwa le go nitamisa dithuto tse ba nang le tsone le go di tlhabolola gape sengwe e ka nna gore le tsone ditiro tsa diatla motho o ka di dira go itshetsa le go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MOREOMABELE
Event : Bokopanong jwa beke jwa go ipaakanyea
Date : 11 Jul 2016






