Breaking News

BMC e kgathalela botsogo jwa badiri

11 Jul 2016

Mookamela matlhabelo a nama (BMC) Dr Akolang Tombale o akgoletse badiri ba matlhabelo ao go tsena letsatsi la go ipelela botsogo le itshidilo ka makatlanamane.

Dr Tombale o dirile kakgolo eo ka Matlhatso jaaka badiri ba matlhabelo kwa Lobatse ba ne ba tshwere letsatsi la go ipelela botsogo le go itshidila mmele, ka di le botlhokwa mo botsogong jwa motho gore a kgone go dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo kgotsa go ntsha maduo mo tirong, a rotloetsa gore ba dire tsotlhe ka boikarabelo.

Morutintshi wa tsa madi, kwa Moedi Learning Technologies Mme Poloko Mongatane a re botsogo bo na le methale e meraro, ebong botsogo jwa tlhaloganyo, mmele le jwa mowa.

Mme Mongatane, a re fa go sena botsogo jo bo siameng jwa madi, bo ama tlhaloganyo le mmele a tlatsa ka gore badiri ba fokotse bothata jwa madi, ka go dirisa methale e e ka ba isang kwa khumong.

O tsweletse a re modiri o tshwanetse go nna le maikano, le kitso ya go tshwara madi, le gone gore a madi ao, modiri a a amogelang a na le boleng, a re motho o tshwanetse go somarela e seng go dirisa madi mo selong se le sengwe fela. 

A re boikgapho mo mading, le tshomarelo go boloka madi, a re badiri ba itlwaetse go beeletsa madi a bone ka tsholofelo ya gore a tlaa gola mme go tlhoka gore ba ithute, ba nne le dikitso tsotlhe ka tiriso ya madi.

Mme Mongatane a re ba tshwanetse go itse ka go amogela madi mangwe le mangwe le fa e se a dituelo tsa bone, a re kgwetlho e e leng teng ke go nna boitseme, a tlatsa ka gore mme fa go sa somarelwe, ke gone go tsogang bothata. 

O tsweletse a re tshireletso ya madi le khumo ke bokamoso jwa bana, a re go kgaoganya madi go tlhoka gore motho a ithulaganye mme go thibele motho go tsena mo dikolotong.

Mo go tse dingwe, modiri wa tsa botsogo jwa dijo kwa kokelong ya Athlone Rre Kaone Senna o boleletse badiri gore go botlhokwa go ja dijo le go laola mebele gore e bo e tsogile go ya ka fa go jewang kateng. 

A re go ja dijo tse di sa siamelang mmele go baka malwetsi a a tshwanang madi a matona, bolwetse jwa sukiri, le a mangwe fela jalo. 

Rre Senna a re fa motho a ja mo go siameng go tlaa  thusa mmele, a tlatsa ka gore mo malatsing ano go inaakantswe thata le dijo tsa sekgowa, gape di na le mafura a mantsi, a re mme ditlamorago ke go oketsa bokete jwa mmele, le malwetse a pelo.

O tsweletse a rotloetsa gore go jewe dijo tse di nang le moroko, merogo le maungo a re di ka thusa gore motho a laole ka fa a tshelang ka teng go babalela botshelo, a tlatsa ka gore gape go botlhokwa go itshidila mmele go fokotsa go oketsa bokete jwa one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Letsatsi la go ipelela botsogo le itshidilo

Date : 11 Jul 2016