Breaking News

Bakaa ba keteka ngwao

11 Jul 2016

Motswana ke motho yo o faphegileng e bile a itlotla ka a kgona go ipelafatsa ka ngwao ya gagwe.

Mafoko a, a builwe ke Kgosi Goareng Mosinyi wa Kalamare kwa moletlong wa go keteka ngwao kwa motseng oo ka mafelo a beke.

Kgosi Mosinyi a re ngwao ke motho, mme motho ke ngwao ka jalo Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ipela ka ngwao ya gagwe e se re gongwe ya nyelela.

O ne a tlhalosa fa morafe wa gagwe wa Bakaa o lemogile fa ngwao e nyelela mme ba bone go le mosola go keteka letsatsi le go ruta bana le merafe e mengwe ka ngwao ya bone. Kgosi o ne a tlhalosa gape gore mo malatsing a gompieno, go na le dingwao tse dintsi, le batho ka go farologana, a tlatsa ka gore e le Bakaa ga ba batle ngwao ya bone e ka ba tswa diatleng ka ‘motho a senang ngwao ke moka a suleng’.

A re ngwao ya Setswana ke ngwao e ka yone ba le bantsi ba ka ithutang go le gontsi mo go yone a e aga, gape e na le meila le tsamaiso e batho ba ka ikgaphang mo dilong tse di duleng mo tseleng.

Kgosi Mosinyi o ne a leboga go menagane Bakaa, go bo ba bone go le mosola go keteka letsatsi le, le ka lone ba ka itharabologelwang mme ba baakanya fa ba duleng mo tseleng teng. E rile a bua kwa moletlong oo, mogolwane wa lephata la banana, metshameko le ngwao Rre Pako Sikuku a tlhalosa fa lephata la bone le tsere tshwetso ya go rotloetsa meletlo ya go tshwana le ya go somarela ngwao. 

Rre Sikuku a re puso ka lephata le, e tlaa simolodisa gape lekgotla la tsa ngwao le ka lone le tlaa lebelelang gore ditiro tsa mofuta oo di a atlega mme e bile di nna le bokao jo bo rileng mo setshabeng go somarela ngwao.

O ne a tlhalosa fa ba ntse ba thusana le mekgatlho e tshwana le ya Mmakgodumo, Domboshaba, Dithubaruba le e mengwe lefatshe ka bophara go keteka dingwao tse di farologanyeng, a tlatsa ka gore ba ka itumela fela thata fa ba tshwaragana le Bakaa ba Kalamare go keteka moletlo o.

Moono wa letsatsi e ne e le ‘Ipelafatse ka ditso tsa gago, somarela ngwao ya gago’.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi le, modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa moletlo oo, Rre Gobitswang Letsatle a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go somarela ngwao ya bone.

Rre Letsatle a re go leka go somarela ngwao ya bone gape ba batla go ruta bana le dikokomane tsa bone ngwao ya bone gore e seka ya nyelela. O ne a tlhalosa fa e le lantlha ba nna le moletlo o, mme a tlhalosa fa ba ikaelela go o tshwara ngwaga le ngwaga, a tlatsa ka gore go tswa goolowe e le Bakaa ba Kalamare ba rata ngwao ya bone.

Rre Letsatle a re gape e le Bakaa ba Kalamare ba ikaelela go somarela ngwao le tikologo ya bone go ya pele, bogolo jang ka e bile le lefatshe le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano tsa boipuso. ENDS

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlong wa go keteka ngwao

Date : 11 Jul 2016