Breaking News

Makhanselara ba batla tlharabololo ya sennelaruri

10 Jul 2016

Makhanselara a Mahalapye a kgadile ka tshakgalo go phuruphutshiwa le go tshwarwa ga bagwebi ba ba itshetsang ka go rekisa mo maemelong a dipalamo tsa setshaba bosheng.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Ngakaagae Rre Balemogi Kgomotsego le mokhanselara wa kgaolwana ya Parwe Rre Samson Kelebale gammogo le mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja/Flowertown Rre Tumelo Koolekanye, ba boletse mo phuthegong ya tshoganetso e ba neng ba e tshwere le bagwebi ba ba botlana, gore e le baemedi ba bone kwa khanseleng ga ba a lekodisiwa ka go phuruphutshiwa moo .

Ba re le ntswa e le tshwanelo ya badiri ba khansele ba ba lebaganeng le tsa melao gammogo le mapodisi go diragatsa melao ya lefatshe leno, ba tshwanetse go dira jalo ba na le toto mo setshabeng le go sala molao morago.

Borre Kgomotsego, Kelebale le Koolekanye ba boleletse bagwebi bao, ba ba neng ba gogomogile maikutlo gore e le makhanselara ba tlaa ikopanya le bagolwane ba sepodisi le mokwaledi wa khansele go tlhotlhomisa tiragalo eo 

E rile bagwebi bao, ba ba neng ba akaretsa Bomme Ellen Mpotsang, Gobitsamang Boitumelo, Dikeledi Arabang le Rre Lopang Mokosong ba tswa la bone, ba ngongoregela go tshwarwa ke badiri ba khansele le mapodisi ntswa ba sa tlhagisiwa go le pele ka go phuruphutshiwa moo . Ba re e re ka khansele e ba tshwarela go rekisetsa mo maemelong a dipalamo tsa setshaba ba sena diteseletso, ba kopa khansele go ba agela matlwana a nakwana a ba ka rekisetsang mo go one, a ba ka kgonang go a duela kgwedi le kgwedi.

Ba re go ba tshwara ga mapodisi le badiri ba khansele go kgoreletsa maiteko a puso a go ba thusa ka mananeo a ba ka a dirisang go simolola dikgwebo tse di ka ba inolang mo lehumeng.

Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye Rre Detto Molatlhegi, o boleletse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong gore badiri ba khansele ba ne ba dule letsholo la go tshwara bagwebi ba ba rekisang ba sena diteseletso,mme  a bolela fa khansele e tlaa thulanya ditlhogo go bona ka fa bagwebi bao ba ka thusiwang ka teng go sola mananeo a puso molemo.

Mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang a re mapodisi a gagwe a tshwere bagwebi ba le masome a mararo le bone ba ba neng ba rekisetsa mo maemelong a dipalamo tsa setshaba ba sena diteseletso e bile a bolela fa bangwe ba bone ba amega mo thekisong ya motokwane.

Superintendent Badisang o tlhalositse fa mo bagwebing bao, ba ba neng ba lefisiwa lekgolo la dipula mongwe le mongwe wa bone go setse go duetse ba le lesome le borobabongwe fa ba le lesome le botlhano ba ise ba kgone go duela dikotlhao tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthegong ya tshoganetso

Date : 10 Jul 2016