Kgosi Malema o laela Babirwa
10 Jul 2016
E rile kgwedi eno e supa Kgosi Mmirwa Malema a laela morafe wa Babirwa, a kaya fa a tlogela tiro ya bogosi ka ntlha ya bogodi.
E rile a laela morafe mo phuthegong ya kgotla mo Bobonong, Kgosi Malema a re o bone go tshwanela go laela, e bile le ditso di supa gore a dire jalo.
O boletse fa kwa a go tswang go le goleele, ebile fa a re o a gata o a kobela, jalo go patika gore a laele ka dilemo di le dintsi,a supa a tla tlogela tiro ya gagwe ka kgwedi ya Lwetse mono ngwaga, mme a tlogele ngwana wa gagwe mo bogosing jwa kgotla ya Bobonong.
Kgosi Malema a re fa a leba kwa morago o bone go le maleba go ba tlogelela ngwana wa gagwe, a tlhalosa fa a tsamaile metse e e dikologileng Bobonong e e jaaka Lepokole,Mabolwe, Semolale le e mengwe.
A re tshaba e e senang ngwao ke mokang e sule. Le fa go ntse jalo banni bangwe ba motse wa Bobonong mo dipotsong le dikakgelo tsa bone,ba ne ba supa fa ba sa dumelane le mogopolo o o neng wa ntshiwa ke Kgosi Malema wa gore ngwana wa gagwe ebong Kgosi Letso Malema wa Molalatau a tsene mo setilong seo sa bogosi.
Ba bangwe ba ne ba akgela ba re a setilo seo se tsewe ke mongwe wa dikgosi tse e neng e le bathusi ba ga Kgosi Malema, ba tlhalosa fa Malema a tsene mo bogosing ka tlhopho.
Morafe wa Bobonong mo dipotsong tsa bone, ba ne ba batla tlhaloso mabapi le bogosi jo bo tlhophiwang le jo bo tsalelwang.
Ba ne ba re fa a tlogela tiro ka bogodi ke tshwanelo ba a utlwa,mme ya gore o tlogela ngwana wa gagwe ga ba dumelane nae, ka ga ba itse kgotla ya gagwe mo Bobonong,mo dikgotleng tse ditona jaaka Sekoba, Bolamba, Leghigo,Serumula le Dandane.
Ba tlhalositse fa go na le ditso tsa maina a batho ba eleng dikgosi kana batho ba ba neng ba phutha morafe wa Bobonong go dira ditlhabololo jaaka sekole se sebotlana sa Madikwe le Modisaotsile, ba tlatsa ka gore mo bogosing go na le gore Kgosi e fodusediwe kwa motseng o mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 10 Jul 2016






