Matlhowa ke dijo tsa diruiwa go tswa goo lowe
10 Jul 2016
Rre Mokolobetsi Thipe a re o gakolola balemi barui fa sedibana pele se sa ikanngwe segolo bogolo ka metlha e sa tlhole e le ya maloba ya dipula tse di nang ka matsorotsoro di tlogela naga e kgabile ka bojang le metsi mo diruiwa di jang di ba di nwa ka go rata.
O buile se mo potsolotsong le BOPA a tlhalosa fa a sela matlhowa go a rekisetsa balemi-barui go ipolokela go tshetsa diruiwa tsa bone ka nako ya leuba.
Rre Thipe yo o tlholegang ko Mmadinare mme a nna kwa Gerald Estate mo Francistown, o tlhalositse fa a godile a disa e bile matlhowa e le nngwe ya dijo tse ba neng ba di fa diruiwa ka nako ya go le tlala.
A re ka a le mo toropong a bona go le botlhokwa gore a ka simolola go a kgobokanya gore a rekise a bone thebenyana gore a seka a lala ka tlala ka ditiro di le thata go bonwa.
A re tshimologong fa a sela o ne a sa itse fa balemi ba ka a kgatlhegela mme ba supa kgatlhego ka bontsi mo a setseng a tlamega go tlhwaafala go a phutha.
O tlhalositse fa matlhowa a kgona go kopanngwa le letlhaka go dira dikotla tse di tiileng tse di ka kgonang go tlatsa mpa ya seruiwa lebaka le le leele fa go sena phulo.
O tlhalositse gape fa se sengwe se se mo gwetlhileng go sela matlhoa a ke go bo mo malatsing ano dipula di le boutsana lefatshe lotlhe ka bophara. A re se se baya balemi-barui ka fa mosing ka go bo ba felela ba latlhegelwa ke diruiwa tsa bone di bolawa ke tlala le lenyora go sena fa di jang teng.
A re se se a ama ka gonne batho ba le bantsi ba itshetsa ka leruo la bone mme se se ba tlogela ba itshophere bangwe ba sale ba tshelela mo lehumeng. Rre Thipe a re le ntswa a sela matlhowa le balemi-barui ba a reka o nna le dikgwetlho ka jaana fa a bayang teng go bulegile mo e kareng fa a ka nelwa ke pula a bo a senyega.
A re le fa a a khurumetsa ka dikgetsana tse di dirisitsweng di kgona go rothisetsa metsi mogo dirang gore a patelesege go rekisa ka bofefo. O tlhalositse fa a rekisa kgetsana e le nngwe ya 25kg ka P50 mme fela kgwetlho e a kopanang nayo mo thekong ke go bo bontsi jwa bareki ba nna mo toropong ba reka kgwedi e fela fa ba ya go tlhola meraka ya bone.
A re bareki ba itumelela matlhowa a ka ba dumela gore fa go ka nna le leuba ba tlaa bo ba kgonne go bolokela diruiwa tsa bone dijo gore di seka tsa bolawa ke mopalo.
A re o rotloetsa balemi-barui go ipeela mo ba ka go kgonang go sale nako go ka tla go jesa diruiwa tsa bone fa go le tlala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebalepile Phuthego
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 10 Jul 2016






