Breaking News

Moopelo o ka tlodisa melatswana

10 Jul 2016

Moopelo, e ka tswa e le wa dinnoto, lerabi kgotsa wa setso o kailwe fa o na le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho ka ditsela tse di farologaneng.

Go tlhalositse jalo, dibui ka farologana kwa letsatsing le ka lone khwaere ya sekole sa Ramoja JSS e neng e rola semmuso kgatiso ya yone ya ntlha (CD) ya moopelo wa dinnoto le lerabi kgwedi eno e le borobabobedi gone kwa sekolong seo.

Dibui di tlhalositse fa moopelo o ka thusa batho ka ditsela tse di farologaneng jaaka go itshetsa ka one, mo tshidilong mebele, go fodisa maikutlo a a kgoberegileng gareng ga tse dingwe.

Sekolo sa Ramoja JSS, se agilwe fagare ga metse ya Ramokgwebana, Moroka le Jackalas No 1, mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Sebui sa tlotla kwa letsatsing leo, yo e leng mookamedi wa Botswana International University of Science and Technology (BIUST) a lebagane le tsa mananeo a dithuto, Dr Haniso Motlhabane o ne a supa fa a itumedisitswe ke tebelopele e e supilweng ke ba Ramoja JSS.

Dr Motlhabane a re ba Ramoja JSS ba ne ba dumela mo go se ba se dirang mme ba leka bojotlhe go dira pharologanyo, a re ka jalo o na le tshepo ya gore maikemisetso a bone a  tlaa ba isa golo gongwe.

O ne a tlhalosa fa sekole se sa elwe fela go ya go ithuta go bala le go kwala, mme se dirisiwa gape mo go ithuteng ditsela tse dingwe tsa botshelo, a kaya fa botshelo bo tlhoka go logelwa maano a a farologaneng.

Ka jalo, Dr Motlhabane o ne a gwetlha setlhopha seo sa moopelo go tshwarelela mo go se ba se dirang gore ba tswelele ba kgona, ka ba setse ba itshupile fa ba na le bokgoni, a re ba tshwanetse ba itse fa mongwe le mongwe a na le ka fa a abetsweng  ka teng mme a tshwanelwa ke go diragatsa Kabelo ya gagwe ka mo go tshwanetseng. A re go a nametsa go bona Batswana mo malatsing ano, ba itharabologetswe mme ba setse ba inaakanya le meopelo le mmino wa mo gae fa go tshwantshanngwa le maloba, mo ba neng ba kopa meopelo ya mafatshe a sele.

Dr Motlhabane o ne a gakolola gore fa ba opela ba leke go tlotlomatsa diteme tsa monogae, ka seo se ka isa lefatshe leno golo gongwe, a re go ka itumedisa thata fa bana bangwe ba ba mo khwaereng eo, ba ka tsweledisa moono oo, o ba o amuleng mo Ramoja JSS mme ba tsoga ba itiretse diCD tsa bone.

Mookamedi wa lephata la thuto mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Kgomotso Matlhape o ne a gakolola maloko a khwaere ya Ramoja JSS go tlhwafalela thuto, a supa fa moopedi wa tlhwatlhwa, yo kopelo ya gagwe e ka mo tshidisang a tshwanelwa ke gore a bo a rutegile.

Mme Matlhape o ne a rotloetsa baithuti ba Ramoja go tshwara ka thata mo kabelong ya bone, a bo a kopa batsadi gore le bone ba rotloetse bana go tswelela ba inaakanya le moopelo, a re seo se tlaa ba thusa go tswa mo ditirong tse di sa itsagaleng, tse di ka kgotlelang mebele ya bone.

O ne a akgola mokatisi wa khwaere eo, Rre Thatayaone Ngwenya a re mo malatsing ano ba a balwa barutabana, ba ba ka ikemisetsang go dira ditiro tse dingwe e se tsa go ruta ka botswapelo.

Mogokgo wa sekole sa Ramoja JSS, Mme Bupelo Ndori-Salani o ne a tlhalosa fa sekole sa gagwe se ipeetse seelo sa go ntsha maduo a a kgatlhisang mo go tsotlhe tse ba di dirang, go balelwa thuto le moopelo.Mme Ndori-Salani o ne a supa fa madi a a kokoanngwang mo thekisong ya CD eo, a tlaa dirisiwa go godisa le go tlhabolola khwaere eo le mo ditirong tsa bopelotlhomogi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Khwaere ya sekole sa Ramoja JSS e rola semmuso kgatiso ya yone ya ntlha (CD)

Date : 10 Jul 2016