Lekgotla la Ithuseng le itoma molomo wa tlase
22 May 2013
E ya re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting. Ao ke mafoko a go supa ngongora ka tsamaiso e e motsopodia e gangwe le gape e busetsang morago maiteko a go tlhabologa ga metse ya magae.
Dingongorego tebang le ditirelo ke selo modiro mo bangwe ba felelang ba latlhela seditse ba fedile pelo ke ditsamaiso tse di motsopodia tsa go ntsha ditirelo. Le mororo bangwe ba tsaya selo seo e le kgwetlho ka ba nosediwa ke lerato la go tlhabolola itsholela ya metse.
Mme Direemang Kgolo, mothusa modulasetilo wa lekgotla la Ithuseng Development Trust kwa Tsetseng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o dumela fa bokamoso jwa batho ba kgaolo eo bo ikaegile ka beng.
“Ga re a tshwanela go direlwa re se nama. Tlhabololo ya motsana wa rona le tse di amang batho ba one re ka di fitlhelela fa re ikemetse ka dinao”, ga tlhalosa jalo mothusa modulasetilo.
Mothusa modulasetilo o sebete se molangwana ka komiti ya bogakolodi ya kgaolo potlana ya Letlhakeng, gore e adimile tshwene marapo le mororo katlego ya dikomiti tsa makgotla a Trust mo metseng ya magae e ikaegile ka tsone.
O boletse fa go tlhoka kemo nokeng ga bodiredi go ka phirimisa maiteko a morafe a go fitlhelela toro ya Vision 2016 ya chaba e e itirelang ka go fetola dilo.
Lekgotla le supa fa le simololetse ditiro tsa lone mo legoeleleng go sena tsholofelo ya go ka fitlhelela ditoro tsa lone ka jaana katlego ya tiro nngwe le nngwe e ikaegile ka madi.
“Re thologilwe mokgosi ke ba Forestry Conservation Botswana ka P 318 000 go gokela le go epa sediba, go teratelela setsha ga mmogo le go gogela metsi kwa setsheng se sesha”, ga tlhalosa modulasetilo.
O tlhalosa fa maikaelelo a bone a go somarela ditsa tlholego a sa ikaega fela ka tse kgaolo e di humileng, a kaa fa dingwe tsa tse ba bapetseng botsipa jwa tsone mo dikgaolong di tshwana le ya Bokone Botlhaba di akaretsa setlhare sa Mongongo le Jatrova Oil se ba kaang se ya go dira diesel.
“Rre humile megopolo e e ka tswedisang matshelo a rona le go betlela batho ba kgaolo eno diphatlha tsa mebereko go fokotsa go ikaega ka mananeo a puso ka re dumela mo mafokong a a reng lerotse la makopo ga le na kgodu,” mme Kgolo a tlhalosa.
Lekgotla la Ithuseng Trust le na le maloko a le lesome a a dirang go fetola matshelo a batho ba motsana wa Tsetseng o o dikhilomethara di masome mararo kwa bokone jwa motse wa Kang kwa kgaolong ya Kgalagadi.
Ditsa tlholego tse e leng khumo ya tikologo ya motsana wa Tsetseng ke Morama, Motsentsela, Moringa Sengaparile, Moretlwa, Dikgose Motsotsojane, le tse dingwe di akaretsa Jotrova oil le Mongongo tse tsone di leng mo tekeletsong ka di faletse go tswa kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno.
Ba ithuseng ba na le tshimo ya diekere tse some tse maikaelelo a tsone e leng go tswelela ba lema mefuta ya ditlhare tse mo go yone go di babalela.
Moono wa lekgotla leo, ga se fela go somarela ditsa tlholego mme gape ke go itebaganya le kgang ya lehuma, le go fa bomme sebaka sa go itirela go ba inola mo lehumeng.
Maloko a lekgotla ga a ise a kgone go fitlhelela ditoro tsa one di akaretsa go nna le mmaraka o o tsepameng ntle le gore ba dirisa malatsi a ditshupo tsa bagwebi go supa ditiro tsa bone.
Mokwaledi mme Kelebileng Bonbong o kaa fa go na le dikgoreketsi tse di fekeetsang maiteko a go ntsha maduo ka go itepatepanya le dikeletso tsa bareki ka ntlha ya tlhaelo ya didirisiwa tsa segompieno tsa kgotla more o itirise.
E re ntswa kgang ya tlhaelo ya lefatshe e tsweletse ka go nna kgwetlho mo ditirong tsa morafe, lekgotla la Ithuseng le ne la latswiwa ke tlhware ka go abelwa setsha sa diekere tse some le dikhilomethara tse pedi go tswa mo motseng.
Erile a tsibogela matshwenyego a komiti ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya bogakolodi ya kgaolo potlana ya Letlhakeng Rre Goaletsa Keitumetse a tlhalosa fa maiteko a tsweletse go betlela makgotlana ao tsela mo kgaolong ya Kweneng Bophirima.
“Re tshwaragane le go thusa go baakanya melao metheo e e tsamisang di trust mo kgaolong eno gore e tsamaelane le ya mananeo a makgotlana a tshomarelo ditsa tlholego. Community Based Natural Resource Management (CBNRM)
Thulaganyo ya tsamaiso ya di trust ka tlhaloso ya ga Rre Keitumetse e motsopodia, ka jalo a kopa ba ba amegang go nna pelotelele le go lemoga fa Roma a sa agwa letsatsi le le lengwe.
A re ba setse ba bopile lenaneo la go ya go simolola go etela makgotlana ao ngwaga ono wa madi o simolola go rutuntsha maloko ka tse di tlhokegang go tsamaisa di Trust. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 22 May 2013






