Mokoro wa Mohembo ga se wa ga tautona
07 Jul 2016
Mokwaledi mogolo wa phathi ya Domkraga Rre Botsalo Ntuane o kopile maloko a diphathi tsa kganetso go ikopa maitshwarelo mo go yone ka ba e sentse leina. Rre Ntuane o uile jalo kwa phuthego ya babega dikgang bosheng ya kgwedi le kgwedi ya phathi eo . O boletse gore mothusa mookamedi wa phathi ya Botswana Congress, Dr Kesitegile Gobotswang o tshwanetse go ikopa maitshwarelo mo Domkraga ntateng ya mafoko a a a buileng bosheng a a senang boammaaruri a gore mokoro o o tlodisang dikoloi le batho kwa Mohembo ke wa ga Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama.
A re magatwe ao ga se boammaaruri gotlhelele. O boletse gore mokoro o go buiwang ka one le mekoro e mengwe mo Botswana, ke dithoto tsa puso.
A re Domkraga e ganeditse mafoko ao mme e kopa Dr Gobotswang go boela mafoko ao morago a bo a kope boitshwarelo mo go Tautona Khama.
Le fa go ntse jalo, a re kopo eo ya bone ga e a ka ya tsewa tsia. Gape a re go a gakgamatsa gore mafoko a a neng a ganetsa se Dr Gobotswang a se buileng, a ne a seka a kwalwa thata mo dikoranteng kana a ikgatholosiwa ke metswedi ya dikgang e e neng ya anamisa kgang ya mokoro wa Mohembo gore ke wa ga Dr Khama.
Mabapi le kgang ya go fetogela BCP ga mopalamente wa Okavango Rre Bagalatia Arone, yo o tseneng mo BDP, Rre Ntuane a re ga gona ope yo o rekilweng.
A re Rre Arone o ne a ikopela madi mo lekalaneng la CEDA mme o ne a thusiwa jaaka Motswana mongwe le mongwe go balelwa le ba diphathi tsa kganetso.
Rre Ntuane a re mananeo a puso a neelwa Motswana mongwe le mongwe le one mapalamente a pele tota, jaaka borre Joseph Kavindama, Gibson Nshimwe le John Toto ba ne ba thusiwa ke CEDA go tsena mo kgwebong ya go aga dihotele.
O boletse gore setshaba se tshwanetse sa itse gore mapolotiki a kganetso ka bontsi le one a amogetse dithuso tse di tswang mo pusong jaaka CEDA le a mangwe.
Rre Ntuane o tsweletse a tlhobosa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC), a re ke puso fela e e ka thusang moepo wa BCL.
A re kompone eo e e epang kopore le kgotlho e lebanwe ke mathata a madi a a bakilweng ke kwelotlase ya ditlhwatlhwa tsa kopore mme puso e sa ntse e dira ditshekatsheko go bona gore BCL e ka inoga jang mo mathateng a e leng mo go one jaaka puso e setse e kile ya e thusa mo nakong e e fetileng.
A re ga gona sepe se UDC e ka se dirang go thusa BCL. A re UDC ga e kake ya thusa ka madi, ga e ka ke ya ba tlhomamisetsa gore ba ka ba thusa ka madi fa ba a tlhoka, ga e kake ya ba fokoletsa lekgetho, kana ya emisa go ba kgethisa, kana tsela nngwe fela ya thuso se e leng gore se ntse se dirwa ke puso ya Domkraga nako le nako BCL e tsena mo mathateng.
A re babereki ba seka ba timediwa ke modumo o o tsosiwang ke sepolotiki sa UDC ka gore ga go kake ga tokafatsa seemo sa bone ka gope.
Erile fa a akgela ka molao wa ditsheko tsa babereki o go buisanngwang ka one kwa palamenteng, a re puso ya Domkraga e o eme nokeng e bile e ne ya buisanya ka one kwa phuthegong ya phathi eo mme ya o dumelana gore barutabana ba dirwe bontlhabongwe jwa ditirelo tsa botlhokwa.
Molao oo, o ne wa buiwa kwa palamenteng o sena go ntshiwa ke tona wa pereko le tsa selegae.
Rre Ntuane a re gape ba dumalane gore barutabana ba ntshiwe mo molaong wa badirelapuso.
O ne a kgala moeteledipele wa komiti ya banana ya phathi ya Puophaa, Rre Richard Khumoekae ka mafoko a a a buileng, a a neng a rotloetsa badirelapuso go tsogologela goromente le go dira dikhuduego.
Rre Ntuane a re ga go tlhokafale gore go nne le dikhuduego ka Batswana ba neelwa dingwaga tse tlhano dingwe le dingwe go itlhophela phathi e ba e ratang.
O ne gape a bolela fa phathi ya BDP e tlaa tshwara ditlhopho tse di faphegileng kgwedi eno e le 22-23 kwa sekoleng se segolwane sa Mogoditshane mme ba solofela gore dikgaolo tsotlhe tsa botlhophi tse di 57 di nne teng, go balelwa le tse disha tse di tlhophilweng bosheng tsa Kweneng Botlhaba, Kweneng Bophirima, Borwa le dikgaolo tsa Borwa Botlhaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 07 Jul 2016






